Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 4:4 - Setswana 1970

4 Ke ka moo ba fitlhelang lo ba fetogetse baeng, ba a lo nyefola, ka lo sa tlhole lo tsamaya nabo mo boithatelong joo jwa tatlhego;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Tse, ba ikhakhamelelañ ka lo sa tsamaee nabo mo culoloñ ea boleo bobe mo go cona, ba lo khala;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 e le dilo tse ba lo gakgamalelang ka ga tsone, ba bua bosula ka ga lona, ka lo sa sianele nabo mo tlhapelong eo e e feteletseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 4:4
11 Iomraidhean Croise  

“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo tlhatswa senwelo le mogopo ka fa ntle, mme mo teng di tletse bogodu le bopelotshetlha.


Morago ga malatsi a se kae morwa yo mmotlana a phutha tsotlhe, a hudugela kwa lefatsheng le le kwa kgakala; teng a senya khumo ya gagwe ka bophelo jo bo maswe.


Ya re Bajuta ba bona bontsintsi, ba tlala lefufa, ba ganetsa tse di builweng ke Paulo, ba kgala.


Ya re ba ganetsa, ba kgala, a ikudubatsa diaparo, a ba raya a re: “A madi a lona a wele ditlhogong tsa lona! Nna ke itshekile; go tloga jaanong ke tla ya kwa baheitaneng.”


A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng;


Se tagweng ke bojalwa, ka botlhaswa bo tswa mo go jona; mme tlalang Mowa;


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona.


Mme baruti bao, ka ba tshwana le diphedi tse di se nang tlhaloganyo, tse ka fa tlholegong ya tsona di tsaletsweng go tshwarwa le go bolawa, ba kgala tse ba sa itseng sepe ka ga tsona; ba tla senyega ka tshenyego ya tsona,


Ba dirafaletswe ke se se bolelwang ka seane sa boammaaruri se se reng: “Ntšwa e boetse matlhatseng a yona;” le se sengwe se se reng: “Kolobe e e tlhapileng e boetse go bidikama mo dithetseng.”


Mme bao ba kgala tsotlhe tse ba sa di itseng; mme tsotlhe tse ba di itseng ka fa tlhagong jaaka diphedi tse di se nang tlhaloganyo di di itse, tseo ba itshenya ka tsona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan