Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 3:8 - Setswana 1970

8 Ke akaretsa ke re: Nnang pelonngwe fela lotlhe lo nne pelotlhomogi, lo ratane jaaka bana ba motho, lo nne kutlwelo-botlhoko le boikokobetso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Ya bohelo, lotle nañ boitlomo yo boñue hela, le go utluelana botluku, le go rata bakauleñue, lo ne le boicuarelo yoa bo teñ, le tsalano;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 3:8
32 Iomraidhean Croise  

Morena o utlwela ba ba mmoifang botlhoko, jaaka rra-bana a utlwela bana ba gagwe botlhoko.


Yo o kokotletsang di-tsa-gagwe ka tsadiso ya madi gongwe ka kgwebo o phuthela yo o tla tlhomogelang batlhoki pelo.


“Morena wa masomosomo o buile jaana a re: ‘Atlholang ka katlholo ya tshiamo, lo direlane ka lorato le kutlwelo-botlhoko.


Le wena, a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka-ka-wena botlhoko, jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’


Mme Mosamaria mongwe a eta, a fitlha fa a leng teng. Ya re a mmona, a tlhomoga pelo,


E rile letsatsi la Pentekoste le tla, ba bo ba le mmogo botlhe felong go le gongwe.


Ya re ka moso ra fitlha kwa Sitone. Mme Juleo a direla Paulo ka bopelontle, a mo letlelela go ya kwa ditsaleng tsa gagwe gore a bone tlamelo.


Mo tikologong ya felo foo go ne go le masimo a mookamedi wa setlhake yo leina la gagwe e leng Pubilio, yo o neng a re tshola, a re babalela ka botsalano malatsi a le mararo.


Botlhe ba ba dumetseng ba bo ba le pelo nngwe fela le mowa mongwe fela; mme ga bo go se ope yo o reng, tse a nang natso ke tsa gagwe, tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse.


Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana.


Jaanong a Modimo wa tshwarelelo le wa kgothatso o lo thuse gore lo utlwane ka fa thatong ya ga Keresete Jesu,


Ba ga etsho, ke lo rapela ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lo bue puo e le nngwe fela lotlhe, go se nne dikgaogano mo go lona, lo nne lo tshwaraganye ka boitlhômô bo le bongwe fela le ka kutlwano.


Fa tokololo e le nngwe e ka boga, ditokololo tsotlhe di boga nayo; kampo fa tokololo e le nngwe e ka tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo.


ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong;


A bogalaka jotlhe le kgakalo le bogale le komano le kgalo di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.


Mme tsholanang ka bopelontle, lo utlwelane botlhoko, lo itshwarelane jaaka Modimo le ona o lo itshwaretse ka Keresete.


Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.


Mme fela, a re tsamaeng mo go sone se re setseng re fitlhile mo go sone; re nne mo kutlwanong.


Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele;


A lorato lwa go rata badumedi-ka-rona lo tlhomame.


Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.


Mme botlhale jo bo tswang kwa godimo, ga ntlha ke jo bo boitsheko, bo bile bo kagiso, bo bonolo, bo a rapelesega, bo tletse kutlwelo-botlhoko le maungo a a molemo, bo se na kgobelelo le boitimokanyo.


Bonang, re kaya lesego ba ba itshokileng. Lo utlwile ka ga boitshoko jwa ga Jobe, lwa bona ka fa Morena a mo diretseng ka teng bofelong; gonne Morena o tletse bopelotlhomogi, o bile o kutlwelo-botlhoko.


E re ka lo itshekisitse mewa ya lona ka go utlwa boammaaruri ka Mowa mo go isang go rataneng ga bakaulengwe mo go se nang boitimokanyo, ratanang ka dipelo tse di fisegang,


Tlotlang botlhe. Ratang bakaulengwe. Boifang Modimo. Tlotlang kgosi.


Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.”


le poifo-Modimo ka go rata bakaulengwe, le go rata bakaulengwe ka go rata botlhe.


Re itse gore re dule mo losong, ra tsena mo bophelong, ka re rata badumedi-ka-rona. Yo o sa rateng modumedi-ka-ene o setse mo losong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan