7 Le lona banna, agang le bone ka tlhaloganyo, ka mosadi a bopegile bokoa, mme lo ba nee tlotlo, ka e bile e le ba ba ruang bopelotlhomogi jwa botshelo mmogo le lona, gore merapelo ya lona e se ka ya kgoreletsega.
7 Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa.
7 Le lona banona, agañ nabo ka tlaloganyo, go nela mosari tlotlo ka a le seyana se se siñ thata, ka le mororo lo le ba boshua mogo ba tsegohaco ea botselo; gore merapelo ea lona e si khorelerioe.
7 Fela jalo le lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega.
Mme jaanong itseeleng dipoana tse di supang le diphelefu tse di supang, lo ye kwa go Jobe motlhanka wa me, lo itirele setlhabelo se se fisiwang, mme a Jobe motlhanka wa me a lo rapelele; gonne ke ene fela yo ke tla mo lebang gore ke se ka ka lo direla tse di tshwanetseng bosilo jwa lona; gonne ga lo a ka lwa bua tse di siameng ka ga me jaaka Jobe motlhanka wa me.”
“Gape ke lo raya ke re: Fa ba le babedi ba lona ba ka dumalana mo lefatsheng ka ga sengwe se ba tla se kopang, le fa e ka nna eng, ba tla se direlwa ke Rre yo o kwa magodimong;
lo ntse lo rapela ka gale ka Mowa ka merapelo yotlhe le ka mekokotlelo, mme lo nne lo thantse ka ntlha ya moo ka tlhomamo yotlhe, lo rapelele baitshepi botlhe;