Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 3:5 - Setswana 1970

5 Gonne bogologolo basadi ba ba boitshepo ba ba neng ba solofela mo Modimong le bone ba ne ba ikgabisa jalo ka go ikokobeletsa banna ba bone,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Gone le bona basari ba boitsepho ba bogolugolu, ba ba le ba ikanya Morimo, ba le ba ikhabisa yalo, ba utlua banona ba bona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Gonne le bone basadi ba ba boitshepo ba ba solofetseng mo Modimong, ba ne ba ikgabisa ka one mokgwa o mo motlheng wa pele, ba le boineelo mo banneng ba bone;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 3:5
17 Iomraidhean Croise  

Mosadi yo o maatlametlo o bonwa ke mang? Kana ene ke lehumo le le gaisang ditalama tsa tlhwatlhwa e kgolo.


Boeletsego bo a tsietsa, bontle ke phefo fela, mme mosadi yo o boifang Morena o tla bakwa.


Tlogela masiela a gago, ke tla a phedisa; a batlholagadi ba gago ba inkanye!”


E ne e le motlholagadi yo o ka nnang dinyaga di le 84, yo o sa tlogeng mo Tempeleng, a direla Modimo ka go itima dijo le ka merapelo bosigo le motshegare.


Botlhe bao ba nnela ruri mo thapelong ka bongwefela jwa pelo, ba na le basadi bangwe le Maria, mma Jesu, le bomonnaa Jesu.


Jaanong go ne go le morutwa mongwe wa mosadi kwa Jope, yo leina la gagwe e leng Tabitha, fa go fetolwa ke go re Dorokase. Ene o ne a tletse ditiro tsa lorato, a atswa ba bantsi.


Mme jaanong le lona, a mongwe le mongwe a rate mosadi wa gagwe jaaka a ithata; mosadi ene a tlotle monna wa gagwe.


mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo.


Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano.


a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.


Mme ene yo e leng motlholagadi tota, a tlogetswe a le esi, o solofetse mo Modimong, o tswelela pele ka mekokotlelo le ka merapelo bosigo le motshegare;


Ke ka tumelo, fa Sara a ne a newa thata ya go ka nna moimana, mme a belega a fetilwe ke dinyaga tsa teng, ka a ne a o ikanya o o mo solofeditseng jalo.


A go bakwe Modimo, Rra Jesu Keresete, Morena wa rona, o o re tsetseng gape ka fa boutlwelong-botlhoko jo bogolo jwa ona, gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka go tsoga ga Jesu Keresete mo baswing,


Ke fa Hana a rapela a re: “Pelo ya me e dudueletsa Morena. Lonaka lwa me lo thatafaditswe ke Morena. Molomo wa me o bulegetse baba ba me. Gonne ke itumelela pholoso ya gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan