Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 3:4 - Setswana 1970

4 mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi a e ne mothu oa pelu, eo o sa bonaleñ, khabo e e sa boleñ ea moea oa bonolo, le tirimalo, e e leñ ea sereko se segolu ha pele ga Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 mme a e nne motho yo o sa bonaleng wa pelo, le ka diaparo tse di sa boleng tsa mowa wa boikokobetso le tidimalo, e le gone mo go kaiwang go tlhokega thata mo matlhong a Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 3:4
40 Iomraidhean Croise  

Ruri, ke gomoditse mowa wa me, ka o didimatsa; mowa wa me o tshwana le ngwana yo o kgwisitsweng a le fa go mmaagwe; mowa wa me o mo go nna jaaka ngwana yo o kgwisitsweng.


Morena o kakatlolola ba ba pelonolo; mme baikepi bona o ba digela fa fatshe.


Gonne Morena o natefelwa ke batho ba gagwe; o kgabisa ba ba pelonolo ka pholoso.


Ba ba pelonolo o ba tsamaisa ka tshiamo; ba ba pelonolo o ba ruta tsela ya gagwe.


Mme bomorwadia Tiro ba tla batla go go kgatlha ka dineo, bona ba ba humileng bogolo mo bathong.


Ke wena o le nosi fela yo ke go leofetseng, ka dira se mo matlhong a gago se leng bosula, gore e re fa o bua, o fitlhelwe o siame, mme o le phepa, fa o atlhola.


Mme o tla atlholela ba ba kwa tlase ka tshiamo, a sekela ba ba pelonolo mo lefatsheng ka nnete; o tla itaya Morena yo o setlhogo ka thupa ya molomo wa gagwe, a bolaya moikepi ka mowa wa molomo wa gagwe.


Babogisegi ba tla itumela gape mo Moreneng; batho ba ba humanegileng ba tla dudueletsa Moitshepi wa Iseraele.


Gonne go bua jaana yo o tlotlometseng yo o godimodimo, yo o agileng mo bosakhutleng, yo leina la gagwe e leng Yo-o-Boitshepo, a re: “Ke agile kwa godimodimo le mo felong ga boitshepo. Le gona ke ntse ke na le yo o mowa o ngomogileng, o o kokobeditsweng, gore ke lapolose mewa ya ba ba kokobeditsweng, ke rudise pelo tsa ba ba bogisegileng.


Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,


Lefoko le moporofeti Jeremia o le laetseng Seraya, morwa Neria, morwa Mahaseya, jale fa Seraya a ya kwa Babele le Setekia, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa bone wa puso ya gagwe. Seraya e ne e le mookamedi wa mathibelelo.


Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute mo go nna; gonne ke bonolo le boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela mewa ya lona tapologo.


“Bolelelang Morwadia Sione lo re: ‘Bona, Kgosi ya gago e tla go wena, e le bonolo, e palame esele, e bong eselana, ngwana wa esele.’ ”


Mofarisai wa sefofu ke wena! Tlhatswa senwelo ka fa teng pele gore se nne phepa le ka fa ntle.


Go sego ba ba pelonolo; gonne ba tla rua boswa jwa lefatshe.


Masilo ke lona! A yo o dirileng se se ka fa ntle ga a dira le sona se se ka fa teng?


Mme Jesu a ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisang fa pele ga batho, mme Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlomaditsweng ke batho, ke makgapha fa pele ga Modimo.


Mme kgalalelo ya Modimo o o sa nyeleleng ba e fetola go tshwana le setshwano sa motho yo o nyelelang, le sa dinonyane le sa tse di maoto-mane le tse di gagabang.


Mme Mojuta wa nnete ke yo e leng Mojuta ka mo teng; le thupiso ya nnete ke e e leng ya pelo ka fa moweng, e seng ka fa molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e tswe mo bathong, mme e tswa mo Modimong.


ka re itse gore motho yo mogologolo wa rona o bapotswe nae gore mmele wa boleo o khutlisiwe go leofa, mme re se tlhole re direla boleo;


Gonne ka fa mothong yo o ka mo teng ke itumelela molao wa Modimo.


Mme nna Paulo ka nosi ke lo rapela ka bopelonolo le bopelonomi jwa ga Keresete, yo e a reng fa ke le koo go lona, ke be ke le boikokobetso, mme fa ke se yo, ke be ke le pelokgale mo go lona.


Ke ka moo re sa nyemeng moko. Mme le fa bomotho jwa rona jwa ka kwa ntle bo fedisiwa, jo bo kwa teng jone bo ntšhwafadiwa ka letsatsi le letsatsi;


le bonolo le boitshwaro le bophepa; dilo tse dintseng jalo, molao ga o ganetsanye natso.


ka boikokobetso jotlhe le bonolo le bopelotelele le ka go itshokelana mo loratong;


Jaanong he, lona ba lo leng batlhaolwi ba Modimo, le baitshepi le barategi, aparang kutlwelo-botlhoko ya pelo le bopelontle le boikokobetso le bonolo le bopelotelele;


gonne lo sule, mme botshelo jwa lona bo fitlhegile le Keresete mo Modimong.


lo itlotle ka go tshela ka boiketlo le go dira tsa lona le go sebetsa ka diatla tsa lona jaaka re lo laetse


Ba ba ntseng jalo re ba laela, e bile re ba laya ka Morena Jesu Keresete gore ba dire ka tidimalo, ba je dijo tse e leng tsa bone.


le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego.


a be a kgalemele baganetsi ka bonolo, e tle e re gongwe Modimo o ba nee tlhabologo e e isang kitsong ya boammaaruri,


ba se kgale ope, ba se batle kgang, mme ba nne bopelontle, ba itshupe ka bonolo jotlhe mo bathong botlhe.


Ka moo latlhang maswe tlhe le bosula jo bo setseng, lo amogele ka bonolo Lefoko le le tlhomilweng mo go lona, le le nonofileng go pholosa mewa ya lona.


lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri.


Mme lo itshepise Morena Keresete mo dipelong tsa lona, lo ntse lo iketleeditse go araba mongwe le mongwe yo o batlang boikarabelo mo go lona ka ga tsholofelo e lo nang nayo, mme e nne ka bonolo le ka poifo.


Mme Morena a raya Samuele a re: “Se lebe ponalo ya gagwe le seemo se seleele sa gagwe, gonne ke mo ganne; kana Modimo ga o lebe jaaka motho a leba. Gonne motho o bona fela tse di lebaganyeng le matlho, mme Morena o bona pelo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan