Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 3:12 - Setswana 1970

12 gonne matlho a Morena a lebile basiami, ditsebe tsa gagwe di reeditse merapelo ya bone. Mme sefatlhego sa Morena se emelanye le ba ba dirang bosula.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

12 Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Gone maitlo a Morena a mo go bona basiami, le tsebe tsa gague li atlametse merapelo ea bona; mi sehatlogo sa Morena se mo go ba ba rihañ boshula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Gonne matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe mo mekokotlelong ya bone; mme sefatlhogo sa ga Jehofa se bifetse ba ba dirang bosula.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 3:12
21 Iomraidhean Croise  

Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa.


Morena o kgakala le baikepi, mme thapelo ya basiami o a e utlwa.


Matlho a Morena a mo mafelong aotlhe, a tlhola ba ba bosula le ba ba molemo.


Jaanong matlho a me a tla bo a budulogile le ditsebe tsa me di sekegetswe thapelo ya felo fa.


Ditlhabelo tsa baikepi ke maila Moreneng, mme thapelo ya batlhamaladi e a mo kgatlha.


Gonne matlho a Morena a ntse a sekaseka lefatshe lotlhe gore a itshupe a le thata go busa ba ba mo ineetseng ka pelo yotlhe. Golo fa o dirile ka bosilo. Gonne go tloga jaanong o tla tsogelwa ke dintwa.”


Ka moo, ipobolelaneng dibe, lo rapelelane gore lo fole. Thapelo ya mosiami e nonofile go dira tse dikgolo, fa e le ya tlhoafalo.


Modimo, o tshwanetswe ke sefela sa pako mo Sione, maikano o tla a direlwa.


Ke tla ba leba ka bogale, ke lwa nabo. Le fa ba dule mo molelong, molelo o tla ba nyeletsa. Lona lo tla itse gore ke nna Morena, mogang ke ba lebang ka bogale go ba otla.


Ke lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le babalelang. Matlho a Morena, Modimo wa lona, a le lebile ka gale go tloga tshimologong ya ngwaga go ya bokhutlong jwa ona.


e bong setlhongwa se se tlhomilweng ka letsogo la gago le le jang, le morwa yo ò mo ikgodiseditseng.


Ke tla lo bifela, mme lo tla fenngwa ke baba ba lona; ba ba lo tlhoileng ba tla lo laola; lo tla tshaba, go se na ope yo o lo kobang.


Le nna ke tla leba motho yoo ka bogale, ke mo nyeletsa mo morafeng wa ga gabo; ka gonne o neetse Mologe mongwe wa bana ba gagwe. Ka go dira jalo o itshekolotse Felo-fa-go-Boitshepo ga me, a itshepolola leina le le boitshepo la me.


Gonne ke lebisitse sefatlhego sa me mo motseng o, go o isa mo tatlhegong, e seng mo kagisong. Morena o buile jalo. O tla neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Babele gore e o fise ka molelo.’


Morena o mo Tempeleng ya gagwe e e Boitshepo, Morena, yo sedulo sa gagwe sa bogosi se leng mo legodimong. Matlho a gagwe a bona lefatshe, dintshi tsa matlho a gagwe di keleka bana ba batho.


“ ‘Motho yo o batlang thuso mo go ba ba buang le badimo le mo go baitseanape, a ba sala morago ka boikepo, motho yoo ke tla mo leba ka bogale, ke mo nyeletsa mo morafeng wa ga gabo.


“ ‘Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba lo agetseng yo o ka jang madi ke tla mo lebisa sefatlhego sa me ka bogale, ke mmolaya mo morafeng wa ga gabo.


Gonne ke mang yo o ka nyatsang letsatsi la dilo tse dipotlana, etswe matlho a supa ale a Morena a a ralalang lefatshe lotlhe a itumela, fa a bona serophiso se le mo seatleng sa ga Serubabele?”


Bonang, leitlho la Morena le lebile bona ba ba mmoifang, bona ba ba lebeletseng bopelontle jwa gagwe,


“Mo tsee, o mo tlhokomele, o se ka wa mo direla bosula bope, mme o mo direle jaaka a go bolelela.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan