Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 2:8 - Setswana 1970

8 “lentswe le le kgopang, letlapa la seru;” bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Le leincue ya khopisho, le lehika ya khakaco, eboñ go bona ba ba khocoañ ki lehuku, ka ba sa utlue: mo le gona ba go laolecoe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 2:8
16 Iomraidhean Croise  

Gonne o tla dirafatsa se o se mpeetseng. Dilo tse di ntseng jalo di dintsi mo go ona.


Mme se ke go boloketseng bophelo ka ntlha ya sona ke go re, ke go bontshe thata ya me gore ba tumise leina la me mo lefatsheng lotlhe.


“ ‘A ga o a ka wa utlwa? Tse ke di dirafaditseng jaanong, ga ke bolo go di akanya le go di ikaelela bogologolo gore wena o senye metse e e femetsweng, e fetoge mekoa ya marope.


O tla re: “Tshelang mmu, tshelang mmu mo tseleng, e baakanyeng! Tlosang dikgopi mo tseleng ya morafe wa me!”


Foo o tla nna felo ga boitshepo mo go lona, le letlapa le le kgopang le lefika le le digang mo magosing a mabedi a Iseraele; a ba a nna letloa le seru mo baaging ba Jerusalema.


Jaanong Simeone a ba tshegofatsa, a raya Maria mmaagwe a re: “Bona, ngwana yo o beetswe go wa le go tsoga ga ba bantsi mo go Iseraele, le go nna sesupo se se ganediwang.


Mme wena o ka reng, fa Modimo o o ratileng go supa bogale jwa ona le go itsise thata ya ona, o itshoketse ka bopelotelele jo bogolo dilwana tsa bogale tse di diretsweng tshenyego,


mme rona re rera Keresete yo o bapotsweng, yo e leng sekgopi mo Bajuteng le bosilo mo Bagerikeng;


mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse?


Mme nna, bakaulengwe, fa ba re, ke sa ntse ke rera thupiso, ke sa ntse ke bogisediwang? Kana kgopiso ya sefapaano e tla bo e tlositswe.


Gonne Modimo ga o a re beela bogale, mme o re beetse go bona phologo ka Morena wa rona Jesu Keresete


Gonne go kwadilwe mo Lokwalong ga twe: “Bona, ke baya lentswe la sekhutlo mo Sione le le tlhophilweng la botlhokwa; yo o dumelang mo go lone ga a kitla a tlhajwa ke ditlhong.”


Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng: “Lentswe le baagi ba le latlhileng le dirilwe letlapa la sekhutlo,”


Ka megagaru ya bone ba tla bapala ka lona ka mafoko a maaka. Mme go tloga bogologolo katlholo ya bone ga e diege, le tatlhego ya bone ga e otsele.


Gonne go itshusumeditse batho bangwe ba e sa leng bogologolo ba kwaletswe katlholo ya go re: Ke baikepi ba ba fetolang bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona boitaolo, mme ba itatola Molaodi yo o tlhelele, Morena wa rona Jesu Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan