Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 2:5 - Setswana 1970

5 ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Le lona, lo cuana yaka maye a a tserileñ, a a agecoeñ ntlu ea moea, le boperiseto yo boitsepho, go shupa cupelo tsa moea, tse ri monate Morimoñ ka Yesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ka re, le lona, jaaka maje a a tshedileng, go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng jwa go isa ditlhabelo tsa semowa, tse di lebosegang mo Modimong ka Jesu Keresete.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 2:5
34 Iomraidhean Croise  

Mo godimo ga ona go le dipota tsa majwe a tlhwatlhwa e kgolo a a betlilweng ka fa selekanyong sa dieka le mepako ya mesetere.


A thapelo ya me e nne jaaka maswalo fa pele ga gago; a tsholetso ya me ya mabogo e nne jaaka tshupelo ya maitsiboa.


Ntshetsa Modimo setlhabelo sa tebogo ya pelo, o dirafatse maikano a o a ikanetseng Mogodimodimo.


Yo o ntshang setlhabelo sa tebogo ya pelo o a ntlotla; yo o tlhokomelang tsela ke tla mo naya gore a bone pholoso ya Modimo.”


Mme lona lo tla nna morafe wa me wa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ Ke ona mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.”


Botlhale bo agile ntlo ya jona, jwa emisa maotwana a yona a supa,


Mme lona lo tla bidiwa baperesiti ba Morena; ba tla lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja khumo ya ditšhaba, lo itumisa ka kgalalelo ya tsona.


“Le gona ke tla ntsha bangwe mo go bone gore ba nne baperesiti le Balefi,” go bua Morena.


Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.


Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo.


Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng.


gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo baheitaneng le moperesiti wa Efangele ya Modimo, gore baheitane ba nne tshupelo e e amogelegang, e e itshepisitsweng ke Mowa o o Boitshepo.


A ga lo itse gore lo Tempele ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o agile mo teng ga lona?


Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.


A kampo ga lo itse gore mebele ya lona ke Tempele ya Mowa o o Boitshepo o o mo teng ga lona, o lo o amogetseng mo Modimong, e bile ga lo ba lona?


Gongwe Tempele ya Modimo e ka agisanya jang le medimo e sele? Kana ke rona Tempele ya Modimo o o tshelang; jaaka Modimo o buile wa re: “Ke tla nna mo go bone, ke tsamaya mo gare ga bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba nna morafe wa me.”


Jaanong he, a e re ka re na le sebaka, re direleng botlhe molemo, mme bogolo bone ba e leng ba ga rona ka tumelo.


Molefi a se ka a nna le boswa mo go ba ga gabo. Boswa jwa gagwe ke Morena jaaka a mo solofeditse.


lo nne ba ba tletseng maungo a tshiamo a a leng ka Jesu Keresete go nna tlotlo le poko ya Modimo.


Mme le fa madi a me a ka tshololwa jaaka tshupelo ya noo ke ntse ke supele Modimo tumelo ya lona le go e o isetsa, ke tla nna ke itumela, ke be ke itumela le lona lotlhe.


Ke amogetse tsotlhe, ke na le letlotlo, di ntlaletse, ke amogetse tse di tswang koo go lona mo go Epafrodito, tse e leng lonko lo lo nkgang monate le tshupelo e e natefelang e e kgatlhang Modimo.


Mme le fa e le eng se lo se dirang ka puo gongwe ka tiro, dirang tsotlhe mo leineng la Morena Jesu, lo ntse lo leboga Modimo Rara ka ene.


gore e re fa nka diega, o be o itse ka fa go tshwanetseng ga dirwa ka teng mo ntlong ya Modimo e e leng phuthego ya Modimo o o tshelang, le pinagare le motheo wa boammaaruri.


mme Keresete o boikanyo jaaka Morwa yo o okametseng ntlo ya ona o ntlo ya ona e leng rona, fa e le gore re tshegeditse phuthologo ya maikutlo le poko ya tsholofelo ka tlhomamo go ya bokhutlong.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Fa mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko a Modimo; fa mongwe a direla, a a direle ka thata e Modimo o e mo abelang, gore mo dilong tsotlhe go galalediwe Modimo ka Jesu Keresete, yo kgalalelo e leng ya gagwe le thata go ya bosakhutleng. Amen.


Gonne ke nako ya gore tshekiso e simologe mo ntlong ya Modimo. Mme fa e simologa mo go rona, bokhutlo jwa bone ba ba sa dumeleng Efangele ya Modimo e tla nna eng?


a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen.


Go sego, go bile go boitshepo ene yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha. Mo go bao loso lwa bobedi ga lo na thata epe, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, ba busa nae dinyaga tse kete.


Yo o fenyang ke tla mo dira pilara mo Tempeleng ya Modimo wa ka, mme ga a kitla a tlhola a tswa teng; ke tla kwala leina la Modimo wa me mo go ene le leina la motse wa Modimo wa me, e bong Jerusalema yo mošwa, yo o fologang mo legodimong kwa Modimong wa me; ke be ke kwala leina la me le lešwa mo go ene.


wa ba dira dikgosi le baperesiti ba Modimo wa rona ba ba tla busang mo lefatsheng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan