Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 2:4 - Setswana 1970

4 Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

4 Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Lo tla go ena, yaka go leincue ye le tserileñ, ye le latliloeñ rure ki bathu, mi ye le itseñkecoeñ ki Morimo, mi le ratega;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Yo e reng lo tla mo go ene, e le lentswe le le tshedileng, le gale e le le le gannweng ke batho, mme mo Modimong e be e le le le itshenketsweng, le le tlhokegang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 2:4
31 Iomraidhean Croise  

Ka ntlha ya moo Morena Modimo o bua jaana a re: “Bonang, ke thaya lentswe mo Sione, lentswe le le lekilweng, le le tlhwatlhwa e kgolo la sekhutlo, la motheo o o tlhomameng. ‘Yo o dumelang ga a tshabe.’


“Bonang, motlhanka wa me ke yoo, yo ke mo tshegetsang; le moitlhaolelwa wa me yo o natefelang pelo ya me. Ke mo neile Mowa wa me. O tla ntshetsa tshiamo kwa merafeng.


“Sekegang ditsebe, tlayang kwa go nna, lo utlweng! Foo mewa ya lona e tla phela, mme ke tla dira kgolagano le lona e e sa khutleng, ke lo naya mapelotlhomogi a ga Dafita a a tlhomameng.


Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng! Ke tla alafa boikepo jwa lona!” – “Re fano, re e tla kwa go wena. Gonne o Morena, Modimo wa rona.


Ya re o ntse o se lebile, lefika la kgomoga mo thabeng e se ka diatla tsa motho, la itaya setshwantsho seo mo dinaong tse e leng tshipi le mmopa, la di phatlakanya.


fela jaaka o bonye lefika le kgomolwa mo thabeng, e se ka diatla, le pšhwetlakanya tshipi le kgotlho le mmopa le selefera le gouta. Modimo o mogolo o itsisitse kgosi jalo se se tla dirafalang mo metlheng e e tlang. Toro ke ya nnete; tlhaloso ya yona e a ikanyega.”


Ee, bonang lentswe le ke le beileng fa pele ga Jošua; mo lentsweng le le lengwe le go na le matlho a supa; bonang, ke tla gwaya mafoko mo go lone,’ go bua Morena wa masomosomo. ‘Ke tlosa molato wa lefatshe le ka letsatsi le le lengwe fela.’


‘O mang, thaba e kgolo? O tla nna leboa fela fa pele ga Serubabele; mme ene o tla baya letlapa la bofelo go ntse go tlhajwa mokgosi o o reng: Tshegofatso, tshegofatso a e nne le lone!’ ”


“Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.


“Bonang Motlhanka wa me yo ke mo itlhaoletseng; moratwi wa me, yo pelo ya me e natefelwang ke ene. Ke tla baya Mowa wa me mo go ene, mme o tla bolelela merafe tshiamo.


Jesu a ba raya a re: “A ga lo ise lo ke lo buise mo Dikwalong fa go tweng: “ ‘Lentswe le baagi ba le latlhileng ke lone le le dirilweng letlapa la sekhutlo. Seo se dirilwe ke Morena, se bile se gakgamatsa mo matlhong a rona.’


Morago ga sebakanyana lefatshe ga le nke le tlhola le mpona; mme lona lo tla mpona; e re ka ke phela, le lona lo tla phela.


Jesu a mo araba a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le bophelo; ga go ope yo o ka fitlhang kwa go Rara fa e se ka nna.


Gonne Rara o neile Morwa go nna le bophelo mo go ene ka esi, jaaka ene a na le botshelo mo go ene ka esi.


Mme lo gana go tla kwa go nna, gore lo tle lo nne le bophelo.


Botlhe ba Rara o ba nnayang ba tla tla go nna, mme yo o tlang go nna, ga nka ke ka mo kgarameletsa ntle.


Yo o njang o tla phela ka ntlha ya me, jaaka Rara yo o phelang a nthomile, mme le nna ke phela ka ntlha ya ga Rara.


Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng!


Gonne ga go ope yo o ka thayang mothao o sele, fa e se ona fela o o thailweng, e bong Jesu Keresete.


E tla re Keresete yo e leng botshelo jwa rona a bonala, foo le lona lo bonale nae mo kgalalelong.


mme e le ka madi a a molemolemo a ga Keresete, e le a kwana e e se nang nyatsego le fa e le sebala,


gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,


Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng: “Lentswe le baagi ba le latlhileng le dirilwe letlapa la sekhutlo,”


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Ka tsona o re abetse ditsholofetso tse di tlotlegang, tse dikgolo thata, gore lo nne le kabelo mo popegong ya bodimo ka go dumela tsona, lo sena go falola mo tshenyegong e e mo lefatsheng ka keletso.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan