Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 2:2 - Setswana 1970

2 mme lo eletse mašwi a Lefoko a a sa pekwang, jaaka bana ba e leng gona ba tsalwang, gore lo tle lo golele pholosong ka ona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

2-3 Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi lo ne yaka banyana ba ba tsecoeñ bosha, lo eletse segolu mashi a lehuku, gore lo gorisioe ka aona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Fela jaaka banyana ba e leng gone ba tsalwang, lo tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore lo tle lo golele polokong ka one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 2:2
21 Iomraidhean Croise  

A lelapa la me ga le a nna jalo fa pele ga Modimo? Kana o dirile kgolagano e e sa khutleng le nna e e rulagantsweng gotlhe, e e bolokwang. Pholoso yotlhe ya me le tsotlhe tse di nkgatlhang, ruri o tla di tlhogisa.


Mme mosiami o tla sala mo tseleng ya gagwe; yo o diatla di phepa o tla nna a tiela pele.


Tselana ya basiami e tshwana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsegela pele go ya motshegareng o mogolo.


Ke tla nna mo Iseraeleng jaaka monyo, o tla thunya jaaka sešeše, a nama medi jaaka Lebanone.


Ba ba nnang mo moriting wa sona ba tla boa ba lema mabele, ba tlhoga jaaka setlhare sa moweine se se tumileng jaaka weine ya Lebanone.


A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’


“Mme lona ba lo boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla lo tlhabela, le na le kalafo mo diphukeng tsa lone, mme lo tla bolola, lo tlolaka jaaka dinamane tse di tswang mo sakeng.


a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa fetoge, lwa nna jaaka bana, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.


Jesu a re: “Lesang bana, lo se ba iletse go tla go nna; gonne puso ya magodimo ke ya ba ba ntseng jalo.”


Ammaaruri ke lo raya ke re: Motho yo o sa tsholeng puso ya Modimo jaaka ngwana, ga a ka ke a tsena mo go yona ka gope.”


Ammaaruri ke lo raya ke re: Motho yo o sa amogeleng puso ya Modimo jaaka ngwana, ga a nke a tsena mo go yona ka gope.”


Ke go re, re fitlhilwe nae ka kolobetso gore re swe, re tle re tsamae mo bophelong jo bošwa, jaaka Keresete le ene a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara;


Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna.


yo kago yotlhe e kopanngwang sentle mo go ene, e ntse e gola go nna tempele e e boitshepo mo Moreneng,


mme e re ka go nna boammaaruri mo loratong re golele mo go ene mo dilong tsotlhe, ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete,


Re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe, jaaka go tshwanetse; ka gonne tumelo ya lona e ntse e gola thata, le lorato lwa mongwe le mongwe wa lona lo lo ratanang ka lone lo ntse lo totela pele.


lo le ba ba tsetsweng gape, e seng ka peo e e nyelelang, mme e le ka e e sa nyeleleng, e bong ka Lefoko la Modimo le le tshelang, le le nnetseng ruri.


Mme golang mo bopelotlhomoging le mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete Morepholosi. A kgalalelo e nne ya gagwe jaanong le go ya letsatsing la bosakhutleng!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan