Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 2:1 - Setswana 1970

1 Jaanong bakelang bosula jotlhe le tsietso yotlhe le boitimokanyo le lefufa le ditshebo tsotlhe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 KI gona belegololañ bogale yoa cubo yotle, le tsieco eotle, le maitimokanyo, le lipelutsetla, le tsebo eotle,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke gone, latlhang boikepo jotlhe, le boferefere jotlhe, le maitimokanyo, le mapelotshetlha, le dipuo tsotlhe tse di maswe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 2:1
50 Iomraidhean Croise  

Ba ba pelo-di-bolotsana ba ngala fela; ga ba goele thuso, fa Modimo o ba golegile.


Go sego motho yo Morena o sa mmaleleng tshiamololo, yo tsietso e se yong mo moweng wa gagwe.


Motho ke ofe yo o eletsang bophelo, a rata bontsi jwa malatsi gore a tle a bone molemo?


Pesalome ya ga Dafita. O se ka wa tlhodiega ka ga badirabosula; o se ka wa fufegele ba ba dirang tse di sa siamang.


Ke ne ke fufegela baikgantshi ka go bona letlhogonolo la baikepi.


Pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle, mme lefufa ke go tlhotlhona ga marapo.


Se fufegele dilo tsa ba ba bosula; se eletse go tshwana nabo.


Se tukele basenyi bogale; se fufegele baikepi


Se fufegele monna yo o dirang ka tshiamololo, se itlhophele tsela epe ya ditsela tsa gagwe!


Ka letsatsi leo batho ba tla latlha medimo ya selefera ya bone le medimo ya gouta ya bone e ba e itiretseng gore ba e obamele; ba e latlhela dirunya le bomamathwane


Medimo ya diseto ya lona e e manegilweng selefera, le ya ditshwantsho tsa lona tse di bopilweng tse di manegilweng gouta, lo tla e kaya makgapha, lo e latlha jaaka maila, lo e raya lo re: “Tlogang fa!”


Baikaketsi ke lona! Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona a re:


Le lona lo ntse jalo; ka fa ntle lo bonala mo bathong jaaka basiami, mme ka mo teng lo tletse boitimokanyo le boikepo.


o tla mo fatola, a mo neela kabelo ya gagwe le baitimokanyi. Go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.


Moitimokanyi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele; ke gona ò tla bonang sentle go ntsha phatsana mo leitlhong la morwa-rraago.


Mme ene, ka a itse boitimokanyo jwa bone, a ba raya a re: “Lo nthaelelang? Ntsisetsang ledi la lekgetho gore ke le bone!”


Go latlhega lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Ka gonne lo ntse jaaka diphupu tse di sa bonaleng, tse batho ba sa itseng gore a ba tsamaya fa godimo ga tsona.”


E rile go sa le jalo, diketekete tsa batho di sena go phuthega, mo ba bileng ba gatana dinao, a simolola go bua pele le barutwa ba gagwe a re: “Itiseng mo matlhabegong a Bafarisai, a e leng boitimokanyo.


Gongwe o ka raya mongwe-ka-wena jang o a re: ‘Motho wetsho, nte ke ntshe lofatsana lo lo mo leitlhong la gago,’ etswe o sa bone kota e e mo leitlhong la gago? Moikaketsi ke wena! Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, morago ga moo o ka tlhokomela go ntsha lofatsana lo lo mo leitlhong la mongwe-ka-wena.


Jesu a bona Nathanaele a tla go ene, a bua ka ga gagwe a re: “Bonang, Moiseraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene!”


ba tletse tshiamololo yotlhe le boaka le bosula le bopelotshetlha le bokgopo; ba tletse lefufa le polao le ntwa le boferefere le bolotsana;


Ba ga etsho, se nneng bana mo tlhaloganyong, mme nnang masea mo bosuleng; mo tlhaloganyong gona lo nne banna.


Ka moo, a re direng moletlo ka go sa bedisiwang ga bophepa le boammaaruri, e seng ka matlhabego a bogologolo, le fa e le matlhabego a bosula le bolotsana.


Gonne ke boifa gore e ka re fa ke tsile, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka ke eletsa, le lona lwa mphitlhela ke ntse jaaka lo sa eletse; ka fitlhela go le kgang le lefufa le dikgakalo le dikganetsanyo le ditshenyomaina le ditshebo le maikgodiso le ditlhakatlhakanyo mo go lona;


A bogalaka jotlhe le kgakalo le bogale le komano le kgalo di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.


Gonne thero ya rona ga e tswe mo timelong le e seng mo boitshekologong le e seng mo boferefereng,


Le bone basadi a e nne ba ba tlotlegang, e se balatofatsi; a ba nne tekano le boikanyo mo dilong tsotlhe.


Basadi-bagolo le bone a ba nne jaaka go tshwanetse baitshepi, e se nne balatofatsi, ba se laolwe ke majalwa, e nne ba ba rutang tse di molemo,


Ka moo he, e re ka re dikanyeditswe ke lesomo le le kalokalo la basupi, a le rona re latlheng morwalo mongwe le mongwe, le boleo jo bo bonako go ka re rareetsa, mme re siane tshiano e e re lebanyeng ka tshwarelelo,


Ka moo latlhang maswe tlhe le bosula jo bo setseng, lo amogele ka bonolo Lefoko le le tlhomilweng mo go lona, le le nonofileng go pholosa mewa ya lona.


Mme fa lo na le lefufa le le galakang le kgang mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha, lwa aketsa boammaaruri.


Ba ga etsho, lo se ka lwa kgobana. Yo o kgobang mokaulengwe wa gagwe gongwe a mo sekisa, o kgoba molao, e bile o sekisa molao. Mme fa wena o sekisa molao, o tla bo o se modirisi wa molao, mme o le mosekisi wa one.


A kampo lo gopola gore Lokwalo lo buela lefela, fa lo re: “Modimo o tlhologeletswe mowa o o o tsentseng mo go rona ka lefufa”?


Ba ga etsho, lo se ka lwa ngongoregelana, lo tle lo se ka lwa atlholwa. Bonang, moatlhodi o eme fa mojako.


lo le ba ba gololesegileng, mme lo sa dirise kgololesego jaaka seipato bosuleng, mme lo le batlhanka ba Modimo.


yo o neng a sa dira boleo bope, le tsietso ga e a ka ya fitlhelwa mo molomong wa gagwe.


Gonne “Yo o ratang go itumelela bophelo le go bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo bosuleng, le molomo wa gagwe gore o se ka wa bua tsietso.


gore mo sebakeng se se sa ntseng se setse sa go phela a se tlhole a phelela dikeletso tsa batho, mme a phelele thato ya Modimo.


Ke ka moo ba fitlhelang lo ba fetogetse baeng, ba a lo nyefola, ka lo sa tlhole lo tsamaya nabo mo boithatelong joo jwa tatlhego;


Mme ga go a bonwa maaka ape mo melomong ya bone. Ga ba na molato ope.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan