Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 1:8 - Setswana 1970

8 yo lo mo ratang, le fa lo sa mmona, yo lo dumelang mo go ene, le fa jaanong lo sa mmone, mme lo tla itumela ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo galaleditsweng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Eo lo e siñ lo mone, leha gontse yalo loa mo rata; eo leha lo sa mone, lo rumela mo go ena, lo itumela ka boitumelo yo bo si nañ pulelo, yo bo tletseñ khalalelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 yo, le fa lo ise lo mmone lo a mo rata; yo, le fa lo sa mmone gompieno, le fa go ntse jalo, ka lo dumela mo go ene, lo bo lo itumela thata mo go ene, ka boitumelo jo bo sa ka keng jwa bolelwa, jo bo tletseng kgalalelo;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 1:8
37 Iomraidhean Croise  

Wena yo pelo ya me e go ratang, mpolelele gore o fudisa kae, o bothisa kae motshegare? Gonne ke ka ntlha ya eng fa nka nna moiphitlhi mo matlhapeng a balekane ba gago?


Mafoko a gagwe a monatenate. Ruri, o montlentle gotlhe. Morati wa me ke yo o ntseng jalo; ke ene tsala ya me, lona bomorwadia Jerusalema.


Morati wa gago o gaisa morati yo mongwe ka eng, wena yo montle mo basading? Morati wa gago o phala morati yo mongwe ka eng, fa o re ikanisa jalo?


“Yo o ratang rraagwe gongwe mmaagwe bogolo go nna, ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe gongwe morwadie bogolo go nna, ga a ntshwanela.


“Fa lo nthata, lo tla dirisa ditaelo tsa me.


“Yo o tshotseng ditaolo tsa me, a di dirisa, ke ene yo o nthatang; mme yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, le nna ke tla mo rata, ke be ke mo itshenolela.”


Yo o sa nthateng ga a tlhokomele mafoko a me; mme kana lefoko le lo le utlwang ga se la me; ke la ga Rara yo o nthomileng.


Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona.


Jesu a mo raya a re: “Thomase, o dumetse, ka o mponye. Go sego ba ba dumetseng, le fa ba sa bona.”


Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tswa kwa Modimong, ka tla. Ga ke a tla ka bogame, mme ke ona o o nthomileng.


a ba isa mo ntlong ya gagwe, a ba tsholela dijo, a ipela le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka a dumetse mo Modimong.


Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo.


Mme jaanong a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo jotlhe le kagiso ka go dumela gore lo tote bogolo mo tsholofelong ka thata ya Mowa o o Boitshepo.


Fa mongwe a sa rate Morena, a a hutsege! Marana tha!


o e bileng o re tshwaile, wa re naya sebeelelo sa Mowa mo dipelong tsa rona.


gore o ne a phamolelwa kwa Parateiseng, a utlwa mafoko a a sa ka keng a bolelwa, a motho o sa letlelelwang go a bua.


ka re sa tlhokomele dilo tse di bonwang, mme re tlhokometse tse di sa bonweng; gonne dilo tse di bonwang di a feta, mme tse di sa bonweng tsona ke tsa bosakhutleng.


gonne re sepela ka tumelo, e seng ka go bona.


Mme Modimo a o lebogelwe neo ya ona e e fetang go ka bolelwa!


Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego


Kana mo go Keresete Jesu go rupa le go sa rupeng ga go thuse, go thusa tumelo fela e e itshupang ka lorato.


le go itse lorato lwa ga Keresete lo lo gaisang kitso gore lo nne lo tlale go ya go fitlha botlalong jotlhe jwa Modimo.


A bopelotlhomogi bo nne le bone botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete mo go sa fetogeng! Amen.


Mme ka go ikanya jalo ke a itse gore ke tla sala, ke nna le lona lotlhe go lo tsweletsa pele le go lo thabisa tumelong


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!


Jaanong tumelo ke go ikanya dilo tse di solofelwang le go tlhomamisa dilo tse di sa bonweng.


Ke ka tumelo a tlogetseng Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshwarelela ka yo o sa bonweng jaaka e kete o a mmona.


Ke tsona tse lo di itumelelang, ba lo hutsafaditsweng kajeno go le gonnye ka diteko tsa mefutafuta ka fa go batlegang ka teng,


Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng: “Lentswe le baagi ba le latlhileng le dirilwe letlapa la sekhutlo,”


Mme lo tla bona serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng mogang Modisa yo mogolo a bonalang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan