Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 1:7 - Setswana 1970

7 gore tlhomamo ya tumelo ya lona e e lekilweng e fitlhelwe e le e e gaisang gouta e e nyelelang e e lekwang ka molelo, e bokwe, e galalediwe, e tlotliwe mogang go bonatsegang Jesu Keresete,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

7 Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Gore teko ea tumelo ea lona, e e molemo bogolu go gouda e e nyelelañ, e e lekoañ ki molelo, e bonoe go na pako le tlotlo le khalalelo, mo ponatsegoñ ea ga Yesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 gore go lekwa ga tumelo ya lona, ka e ratega bogolo go gouta e e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo, go fitlhelwa e le pako le kgalalelo le tlotlo, mo tshenolong ya ga Jesu Keresete;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 1:7
53 Iomraidhean Croise  

Gonne Modimo o itse tsamao ya me; fa o ka nteka, ke tla tswa jaaka gouta.


“Kana go na le felo kwa selefera e bonwang teng; gouta e na le felo fa e tlhatswiwang gona.


O leka pelo ya me, o nkeleka mo bosigong, o a ntlhotlhomisa, mme ga o fitlhele tse di tlhabisang ditlhong mo go nna; le molomo wa me ga o senye.


Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera.


Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e tlhaolosang le gouta mo leisong la moubo, mme Morena o leka dipelo jalo.


Leungo la me le gaisa gouta, ee, gouta e e itshekileng; se ke se ruisang motho se phala selefera e e tlhaotsweng.


Mme fa khumo eo e mo latlhegela ka kotsi, ngwana yo a mo tsetseng o tla sala a se na sepe.


Bona, ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera; ka go leka mo leisong la tlalelo.


“Ka ntlha ya moo pelo ya me e lelela Moabe jaaka ditlhaka; ee, pelo ya me e lelela banna ba Kirerese jaaka ditlhaka. Kana ba senyegetswe ke leruo le ba neng ba le humile.


Ke ka moo Morena wa masomosomo o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba gakolosa, ke ba leka. Kana nka direla morwadia morafe wa me jang ka mokgwa o sele?


Mme ke tla tsenya karolo ya boraro mo molelong gore ba gakologe, ba itsheke jaaka go itshekisiwa selefera; ke ba tlhatlhoba jaaka gouta e tlhatlhojwa. Bao ba tla rapela leina la me, mme ke tla ba utlwa ke re: ‘Ke bone morafe wa me!’ Mme bone ba tla re: ‘Morena, Modimo wa rona!’


O tla nnela go gakolosa le go itshekisa selefera. O tla itshekisa bomorwa Lefi, a ba tlhapisa jaaka go tlhatswiwa gouta le selefera, gore ba isetse Morena tshupelo ka tshiamo.


Fela fa mosadi a sa iitshekolola a le phepa, ga a kitla a bona petso, mme o tla fiwa bana.


Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: E tla re mo bontšhwafatsong, fa Morwa-Motho a nna mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe, le lona ba lo ntatetseng lo nne mo ditulong tsa bogosi di le 12, lo buse ditso di le 12 tsa Iseraele.


Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’


Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’


Rekisang tse lo nang natso, lo ntshe dikatso. Itireleng dikgwama tse di sa onaleng, e bong lohumo lo lo sa feleng kwa magodimong, kwa legodu le sa atameleng teng le kwa motoutwana o sa senyeng teng;


Mme go tla nna fela jalo ka letsatsi le Morwa-Motho o bonatsegang ka lone.


Fa motho a ntirela, a a ntshale morago, mme kwa ke leng teng, modiredi wa me le ene o tla nna teng. Fa motho a ntirela, Rara o tla mo tlotla.


Lo ka dumela jang lona ba lo tlotlanang, mme tlotlo e e tswang mo Modimong o le osi yona lo sa e batle?


Mme Petoro a mo fetola a re: “A madi a gago a nyelele nao, ka gonne o gopotse gore neo ya Modimo e ka bonwa ka madi.


Mme kgalalelo le tlotlo le kagiso di tla tlela mongwe le mongwe yo o dirang molemo, Mojuta pele, le ene Mogerika.


Mme Mojuta wa nnete ke yo e leng Mojuta ka mo teng; le thupiso ya nnete ke e e leng ya pelo ka fa moweng, e seng ka fa molaong; poko ya yo o ntseng jalo ga e tswe mo bathong, mme e tswa mo Modimong.


Ba ba batlang kgalalelo le tlotlo le bosafeleng ka go tshwarelela ditirong tse di molemo, o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng;


Kana tsotlhe tsa tlholego di lebeletse ponatshego ya bana ba Modimo ka tlhologelelo e kgolo.


tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang.


Ka moo he, lo se ka lwa atlhola sepe, e ise e nne nako, go ya Morena a tle yo o tla ntshetsang leseding tse di fitlhilweng tsa lefifi, a senola maikaelelo a dipelo; foo mongwe le mongwe o tla bona poko mo Modimong.


Go sego monna yo o itshokelang diteko; gonne e tla re a sena go bonwa a fentse diteko, a amogele serwalo sa bophelo se Morena o se solofeditseng bone ba ba mo ratang.


Ka moo, itlameng matheka a maikutlo a lona, lo nne tekano, lo tlhome tsholofelo ya lona ka botlalo mo bopelotlhomoging jo lo bo tsisediwang ka ponatshego ya ga Jesu Keresete.


lona ba lo bolokwang ka thata ya Modimo ka tumelo go ya pholosong e e baakantsweng gore e senolwe ka nako ya bofelo.


Tlayang go ene yo e leng lentswe le le tshelang, le le latlhilweng ke batho, mme e le le le tlhophilweng la botlhokwa mo Modimong;


Ke la botlhokwa mo go lona ba lo dumelang; mme mo go ba ba sa dumeleng: “Lentswe le baagi ba le latlhileng le dirilwe letlapa la sekhutlo,”


Baratwa, lo se ka lwa gakgamadiwa ke pogo e e fisang e e lo dirafalelang gore lo lekwe, jaaka e kete lo dirafalelwa ke se se ronang.


Mme itumeleng ka fa dipogiso tsa ga Keresete lo di tlhakanetseng le ene ka teng, gore le mo ponatshegong ya kgalalelo ya gagwe lo tle lo itumele, lo ipele.


Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,


Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:


Ka tsona o re abetse ditsholofetso tse di tlotlegang, tse dikgolo thata, gore lo nne le kabelo mo popegong ya bodimo ka go dumela tsona, lo sena go falola mo tshenyegong e e mo lefatsheng ka keletso.


Ka ntlha ya moo, baratwa, a e re lo lebeletse dilo tseo, lo tlhoafale gore lo fitlhelwe fa pele ga one lo se na maswe, le fa e le molato, mme lo le mo kagisong.


Mme ona o o nonofileng go lo boloka gore lo se kgotšwe, le go lo emisa fa pele ga kgalalelo ya ona, lo se na molato ope, lo duduetsa,


Bonang, o tla a le mo marung, matlho otlhe a tla mmona, le ba ba mo tlhabileng; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla lela ka ntlha ya gagwe. Ee, Amen.


O se ka wa boifa tse o tla di bogang. Bona, Diabolo o tla latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe; lo tla nna le pitlagano ka malatsi a le some. O nne boikanyo go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.


E re ka o bolokile lefoko le le reng o tshwarelele mo go nna, le nna ke tla go femela ka nako ya thaelo e e tla welang lefatshe lotlhe gore go raelwe ba ba agileng mo go lone.


Ke go gakolola gore o reke gouta mo go nna e e itshekisitsweng ka molelo gore o tle o hume, le diaparo tse ditshweu gore o tle o apare, mme ditlhong tsa bosaikatega jwa gago di se ka tsa senoga, le setlhare sa matlho go itlotsa matlho gore o tle o bone.


Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan