Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 1:6 - Setswana 1970

6 Ke tsona tse lo di itumelelang, ba lo hutsafaditsweng kajeno go le gonnye ka diteko tsa mefutafuta ka fa go batlegang ka teng,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 E lo itumelañ segolu mo go eona, leha lo le mo mahutsaneñ ka motla o mokhutsane, ha e ka na cuanelo, ka ntla ea lithaelo li le lintsi;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Mo lo itumelang thata mo go gone, le fa gompieno ka lobakanyana, fa go lopiwa jalo, lo bo lo tsenye mo bohutsaneng ka diteko dingwe le dingwe di le dintsi,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 1:6
47 Iomraidhean Croise  

Mowa wa me o ntsha dikeledi ka ntlha ya bohutsana, nnamolola ka fa Lefokong la gago.


Morena, ke a itse, fa dikatlholo tsa gago di siame, mme o nkwatlhaile ka boikanyo.


Morena o gaufi le ba ba pelo di thubegileng, o pholosa ba ba mewa e kgobegileng.


Marapo a me otlhe a tla re: “Morena, ke mang yo o tshwanang nao, yo o gololang motlhomolapelo mo go yo o mo fetang ka thata, le motho wa batho le mohumanegi mo go yo o mo thukhuthang?”


Wena o itse nyatsego ya me le ditlhong tsa me le go kgojwa ga me; baganetsi ba me o ba itse botlhe.


Morena, intshwarele, ela se ke se bogang mo go bona ba ba ntlhoileng tlhoko, wena yo o ntsholetsang mo dikgorong tsa loso,


Tlayang a re dudueletseng Morena, re ipeleleng lefika la pholoso ya rona.


Ke itumela ka pelo yotlhe mo Moreneng! A mowa wa me o dudueletse Modimo wa me! Gonne o nkapesitse diaparo tsa pholoso, a nkhurumetsa ka kobo ya tshiamo jaaka monyadi a rwala mokgabo wa tlhogo wa moperesiti, le jaaka monyalwa a ikgabisa ka mekgabiso ya gagwe.


le go naya ba ba hutsafetseng ba Sione mokgabo wa tlhogo boemong jwa molora le lookwane lwa boitumelo boemong jwa diaparo tsa khutsafalo le kopelo ya pako boemong jwa mowa o o kgobegileng marapo. Mme ba tla bidiwa ditlhare tsa metherebinthe tsa pholoso le ditlhomiwa tsa Morena gore a ikgalaletse ka tsona.


“Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.


A tsaya Petoro le bomorwa Sebeteo ba babedi, a ya nabo, a ba a simolola go hutsafala le go tlalelwa.


Itumeleng lo ipele; gonne tuelo ya lona e kgolo kwa magodimong. Gonne ba bogisitse baporofeti jalo, ba ba neng ba le teng pele ga lona.


mowa wa me o ipelela Modimo, Mopholosi wa me.


Fela lo se ka lwa itumelela moo, fa mewa e lo ikobela, mme itumeleng, ka maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.”


Moengele a ba raya a re: “Se boifeng; gonne bonang, ke lo tsiseditse mafoko a a molemo a boitumelo jo bogolo jo e tla nnang jwa batho botlhe;


Jalo le lona lo na le bohutsana jaanong, mme ke tla boa ke lo bona; dipelo tsa lona di tla itumela, mme ga go ope yo o tla lo amogang boitumelo jwa lona.


Dilo tse ke di buile le lona gore lo nne le kagiso mo go nna. Lo tla nna le pitlagano mo lefatsheng, mme namatshegang, ke fentse lefatshe.”


Ba tiisa dipelo tsa barutwa, ba ba kgothatsa gore ba nnele ruri mo tumelong. Le gona ba re: “Re tshwanetse go tsena mo pusong ya Modimo ka ditlalelo di le dintsi.”


Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong.


Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene.


ka ene re bile re bonye tsela ya go fitlha ka tumelo mo bopelotlhomoging joo, jo re emeng mo go jona, e bile re ipoka ka go solofela kgalalelo ya Modimo.


ka re, ke tletse bohutsana jo bogolo, pelo ya me e utlwa botlhoko ka gale.


gonne tlalelo ya rona e e botlhofo ya nako e khutshwane e re direla letlotlo le le sa khutleng le le gaisang tsotlhe la kgalalelo,


jaaka ba ba hutsafetseng, etswe re itumetse ka gale; jaaka bahumanegi, etswe re humisa ba bantsi; jaaka ba ba se nang sepe, etswe re na le dilo tsotlhe.


Mme leungo la Mowa lone ke lorato le boitumelo le kagiso le bopelotelele le bopelontle le molemo le boikanyego


Gonne o ne a lo tlhologeletswe lotlhe, a tshwenyega thata mo moweng, ka lo ne lo utlwetse bolwetse jwa gagwe.


Gonne ba ba rupileng tota ke rona ba re direlang Modimo ka Mowa, re ipoka ka Keresete Jesu, re sa ikanye nama,


Itumeleng mo Moreneng ka gale, ke a boela ka re, itumeleng!


Mme lo ne lwa nna baetsi ba rona le ba Morena, lwa amogela Lefoko mo pitlaganong e kgolo ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng o o Boitshepo,


Ba ga etsho, e re fa lo wela mo ditekong tsa mefutafuta, lo di kaye boitumelo fela,


Mme mokaulengwe yo o kwa tlase a a ipoke ka bogolo jwa gagwe.


Utlwang botlhoko, lo hutsafale, lo lele. A go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo bo fetoge maswabi.


Gonne fa Modimo o rata gore lo boge, gona go boga ka ntlha ya go dira sentle go gaisa go boga ka ntlha ya go dira bosula.


Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jaanong nnang tekano, lo iphe nako go rapela.


Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.


Ke fa Hana a rapela a re: “Pelo ya me e dudueletsa Morena. Lonaka lwa me lo thatafaditswe ke Morena. Molomo wa me o bulegetse baba ba me. Gonne ke itumelela pholoso ya gago.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan