1 Petero 1:12 - Setswana 197012 Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba. Faic an caibideilLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha12 Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)12 Ba go bonatsegetseñ go bona, ha ba le ba sa itihele, mi ba rihetse rona ka lilo tse, tse lo li neiloeñ ki bona ba ba lo reretseñ evangelio ka Moea oa Boitsepho o o romecoeñ o coa mo legorimoñ; lilo tse baengele ba eletsañ go leba mo go cona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo12 Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone. Faic an caibideil |
Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa.