Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




1 Petero 1:11 - Setswana 1970

11 ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

11 Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Ba botsa kaga motla, le kaha motla ouo o tla nañ ka gona, o Moea oa ga Keresete o o mo go bona o lo o o kaea, ka o shupela pele lipogisho tsa ga Keresete, le khalalelo e e li latelañ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ba keleka ka ga motlha, le ka fa motlha oo o tlaa nnang ka teng, o Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o o supang, ka o kaile gale dipogisego tsa ga Keresete, le dikgalalelo tse di tlaa di salang morago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




1 Petero 1:11
29 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


Mme Morena o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe; ka letsatsi leo Morena o tla nna a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela.


Fa e le Morwa-Motho, o tsamaya fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe; mme a tatlhego wee ya motho yoo, yo o tshwarisang Morwa-Motho! Go ka bo go le botoka mo go ene, fa a ka bo a se ka a tsalwa.”


A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”


Dilo tse Jesaya o ne a di bua, ka a bona kgalalelo ya gagwe, mme a bua ka ga gagwe.


E rile ba fitlha go lebagana le Misia, ba leka go ya kwa Bithinia; mme Mowa wa ga Jesu wa se ka wa ba letlelela.


Mme lona ga lo mo nameng; lo mo moweng, fa tota Mowa wa Modimo o agile mo go lona; fa motho a sa tshola Mowa wa ga Keresete, yoo ga se wa gagwe.


Mme e re ka lo le bana, Modimo o rometse Mowa wa Morwaa-ona mo dipelong tsa rona o o bitsang o re: “Abba, Rara!”


gonne ga go ise go ke go tle polelelopele ka go rata ga motho, mme batho ba ba boitshepo ba Modimo ba buile, ba tlhotlheleditswe ke Mowa o o Boitshepo.


Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.” Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan