1 Nna Petoro, moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baeng ba e leng bafaladi kwa Ponto le Galatia le Kapatokia le Asia le Bithinia, ba ba tlhaotsweng
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania.
1 Ke nna Petere, moaposetole wa ga Jesu Keresete, ke kwalela baitshenkedwi ba e leng bajaki ba Phaladi kwa lefatsheng la Ponto, le la Galatia, le la Kapatokia, le la Asia, le la Bithunia,
Ke fa Hamane a raya kgosi Ahasewerose a re: “Go na le morafe mongwe o o faletseng, o o lomologanyeng le ba bangwe mo gare ga merafe mo mafatsheng otlhe a puso ya gago. Mme melao ya ona ga e tshwane le ya morafe ope. Le gona ga ba dire ka fa melaong ya kgosi. Kana ga go a tshwanela kgosi go ba lesa jalo.
Mme lona ke tla lo phatlalaletsa kwa baheitaneng, ke somola tšhaka, ke lo koba ka yona, mme lefatshe la lona le tla fetoga sekaka le metse ya lona e nna matlotla fela.
Ya re a tsamaya fa letsheng la Galelea, a bona bana ba motho ba le babedi, e bong Simone yo o bidiwang Petoro le Andrea morwa-rraagwe, ba digela letloa mo letsheng; gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi.
Foo Bajuta ba raana ba re: “Yoo o tla ya kae, fa a re, ga re ka ke ra mmona? A o tla ya kwa go ba ba falaletseng kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika?
A fitlhela Mojuta mongwe teng yo leina la gagwe e leng Akwila, e le yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo e leng gona a tswang kwa Italia, a na le Perisila mosadi wa gagwe; ka gonne Kelaudio o ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tloge mo Roma, mme Paulo a ya kwa go bone.
Jaanong ga tsoga bangwe ba e leng ba senagoge se se bidiwang sa Balibertine le Bakirene le Baaleksanteria, le ba ba tswang kwa Kilekia le Asia, ba ganetsanya le Setefane.
Gonne bakaulengwe, ga re rate gore lo tlhoke go itse ka ga pitlagano ya rona e e re dirafaletseng kwa Asia, gore re ne re tlaletswe bogolo go feta thata ya rona, mo re bileng ra tlhoboga le matshelo a rona.
mo metlheng eo lo ne lo se na Keresete, lo le kwa ntle ga morafe wa Modimo wa Iseraele, lo le baeng mo dikgolaganong tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo epe, lo se na Modimo mo lefatsheng.
“Morena o tla go phatlalaletsa kwa merafeng yotlhe go tswa mafelelong a lefatshe go ya mafelelong a lefatshe; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe, e o neng o sa e itse le e seng borraeno.
Botlhe bao ba swetse mo tumelong, ba ise ba amogele tse ba di solofeditsweng, mme ba di bonetse kgakala, ba be ba di itumelela; e bile ba ipolela gore ke baeng le baeti mo lefatsheng.
Nna Simone Petoro, motlhanka le moapostolo wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba neilweng tumelo ya botlhokwa jaaka rona ka tshiamo ya Modimo wa rona le ya Mopholosi Jesu Keresete:
le re: “Se o se bonang, o se kwale mo lokwalong, o lo romele kwa diphuthegong tse di supang, kwa Efeso le Semerina le Peregamo le Thiatira le Saredise le Filatelefia le Laodikea.”