Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 2:3 - BAEBELE e e Boitshepo

3 Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Se direng sepe ka boithatelo, le fa e le ka tlotlo ya boithamako, mme ka boikokobetso yo mongwe a kaye yo mongwe yo mogolo mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Si riheñ sepe ka khañ, khotsa ka tlotlo ea boithamako; a e ne ka bonolo yoa pelu, a moñue a kaee eo moñue molemo bogolu go ikaea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 2:3
24 Iomraidhean Croise  

Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.


Ke a lo bolelela, monna yo o fologetse kwa ntlong ya gagwe a siamisitswe bogolo go yo mongwe, gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ingotlafatsang o tlaa godisiwa.”


Mo go rateng bakaulengwe, lo nne lo ratane ka lorato lo lo pepetletsang; mo tlotlong, a mongwe a beye yo mongwe kwa pele;


A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng.


Mo go ba ba ratang kgang, ba sa ineele mo boammaaruring, mme ba ineela mo tshiamololong, go tlaa nna bogale,


Gonne ke mmotlana wa baaposetole, yo ke bileng ke sa tshwanela go bidiwa moaposetole, ka ke bogisitse phuthego ya Modimo.


gonne le gompieno lo sa le basenama. Gonne e re ka go na le lefufa le kgang mo go lona, a ga lo basenama, mme lo sepela ka fa mokgweng wa botho?


Gonne ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, fa ke fitlha, ka lo fitlhela lo sa nna jaaka nka bo ke rata; mme le nna ka fitlhelwa ke ntse ka fa lo sa rateng ka teng; ka re e se re kgotsa motlha mongwe ga nna kgang, le lefufa, le magale, le dikgaogano, le ditshebo, le go loma tsebe, le dipudulogo, le dikhuduego;


Mme fa lo lomana, lo jana, lo itise gore lo se nyeletsane.


A re se nne boipelafatso fela, re se ka ra rumolana, ra direlana ka bopelotshetlha.


Ka boikokobetso jotlhe le bonolo, le ka bopelotelele, ka go iphapaanya mo loratong;


Lo ineelane mo poifong ya ga Keresete.


Dirang dilo tsotlhe ka mo go se nang dingongorego le dikgang;


Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.


Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona.


o ikgogomositse, a sa itse sepe, o kgweleantswe ke dipotso le dikganetsanyo tsa mafoko, tse go tswang bopelotshetlha mo go tsone, le kgang le dikgalo le dipateletso,


Sa bofelo, nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi, le boikokobetso:


Le lona babotlana, lo nne kutlo mo go ba e leng bagolwane. Ee, lotlhe lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan