Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Bafilipi 1:1 - BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke nna Paulo, ke na le Timotheo, re batlhanka ba ga Keresete Jesu; re kwalela baitshepi botlhe ba ba kwa Filipi, ba ba mo go Keresete Jesu, ba na le baokami le batiakone:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Nna Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela botlhe ba e leng baitshepi ka Keresete Jesu ba kwa Filipi mmogo le balebeledi le badiredi:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 PAULO le Timoteo, batlañka ba ga Yesu Keresete, go baitsephi botle ba ba mo go Keresete Yesu, le balebalebi, le badiakoni, ba ba kua Filipi:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Bafilipi 1:1
48 Iomraidhean Croise  

Go tshwana jaaka fa monna a ile go jaka kwa lefatsheng le sele, e re ka a tlogetse ntlo ya gagwe, a bile a neetse batlhanka ba gagwe thata, le mongwe le mongwe tiro ya gagwe, le gone a laola molebedi wa kgoro gore a lebelele.


Fa motho le fa e le mang a ntirela, a a ntshale morago; mme kwa ke teng motlhanka wa me le ene o tlaa nna teng; fa mongwe le fa e le mang a ntirela, Rara o tlaa mo tlotla.


“Gonne go kwadilwe mo lokwalong lwa Dipesalema ga twe: “ ‘A boago jwa gagwe bo swafadiwe, a go se nne motho ope yo o agang teng; a motho o sele a tseye tiro ya gagwe ya tebelo.’


Lo itise, lo bo lo dise letsomane lotlhe, le Mowa o o Boitshepo o lo dirileng baokami ba lone, gore lo otle phuthego ya Modimo e o e rekileng ka madi a one.


Mme Ananiase a fetola a re: “Morena, ke utlwile ka ga monna yo, ka batho ba le bantsi, bosula jo bo kanakana jo o bo diretseng baitshepi ba gago kwa Jerusalema.


Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, a bidiwa gore a nne moaposetole, a lomololetswe Mafoko a a Molemo a Modimo,


Ka re, lona lotlhe ba lo koo Roma, baratwa ba Modimo, ba lo biditsweng go nna baitshepi: A tshegofatso le kagiso e e tswang Modimong Rra wa rona, le Morena Jesu Keresete, di nne le lona.


Jaana fa Timotheo a ka tla, lo bone koo gore a nne mo go lona a se na poifo; gonne o dira tiro ya Morena, jaaka le nna ke dira.


Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu, ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokaulengwe wa rona. Re kwalela phuthego ya Modimo e e kwa Korinthe, le baitshepi botlhe ba ba mo lefatsheng lotlhe la Akaia.


A ke ntse jaana, a ke lekela ntlheng ya batho, kgotsa ya Modimo? Kgotsa a ke leka go kgatlha batho? Fa ke ne ke sa ntse ke kgatlha batho, nka bo fano ke se motlhanka wa ga Keresete.


Gonne lo bana ba Modimo lotlhe, mo go Keresete Jesu, ka tumelo.


Ga go ka ke ga nna Mojuta le Mogerika, ga go ka ke ga nna motlhanka le mogololwa, ga go ka ke ga nna monna le mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe fela mo go Keresete Jesu.


Ke nna Paulo, ke moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo; ke kwalela baitshepi ba ba kwa Efeso, le badumedi mo go Keresete Jesu.


Ke gone ka moo, le nna ke sena go utlwa ka ga tumelo e e mo go lona mo go Morena Jesu, e lo bileng lo e bonatsa mo baitsheping botlhe,


A tshegofatso e nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka mo go sa boleng.


Ke solofetse mo go Morena Jesu fa ke tlaa akofa ke roma Timotheo kwa go lona, gore le nna ke gomotsege, mogang ke tlhaloganyang ka fa lo ntseng ka teng.


Lo nne le pelo e mo go lona, e e neng e le mo go Keresete Jesu le ene,


Ga se go re ke setse ke fitlhile, le fa e le gore ke setse ke itekanetse; mme ke lekela kwa pele, e tle e re kgotsa ke tshware se e leng sone le nna ke se tshwaretsweng ke Keresete Jesu.


Gonne bogwera ke rona ba re obamang ka Mowa wa Modimo, re ipelafatsa ka Keresete Jesu, re bile re se na boikanyo bope mo nameng.


Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.


Ke nna Paulo, ke na le Silefano le Timotheo, re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e mo go Modimo Rara, le mo go Morena Jesu Keresete: A tshegofatso e nne le lona le kagiso.


Mme e rile ka re ne re utlwile botlhoko gale, ra ba ra dirwa dilo tsa botlhabisa ditlhong kwa Filipi, jaaka lo itse, ra sosologela pele mo Modimong wa rona go bua le lona Mafoko a a Molemo a Modimo, re le mo ntweng e kgolo.


Ke nna Paulo, ke na le Silefano le Timotheo; re kwalela phuthego ya Bathesalonika e e mo Modimong Rraetsho, le mo go Morena Jesu Keresete.


Mogang o tlang go galalediwa mo baitsheping ba gagwe, le go gakgamalelwa mo tsatsing leo ke botlhe ba ba dumetseng, gonne tshupo ya rona mo go lona e ne ya dumelwa.


Ke kwalela Timotheo, ngwanake ruri mo tumelong, ka re: A go nne tshegofatso, le kutlwelobotlhoko, le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Morena wa rona.


Bagolwane ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele bojalwa, ba sa bolaelwe khumo e e maswe ke pelo;


Ke nna Paulo, motlhanka wa Modimo, le moaposetole wa ga Jesu Keresete, ka fa tumelong ya baitshenkedwi ba Modimo, le ka fa kitsong ya boammaaruri e e ka fa poifongmodimo,


Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo;


Ke nna Paulo, mogolegwi wa ga Keresete Jesu, ke na le Timotheo mokaulengwe. Ke kwalela Filemone moratwa wa rona, le modiri ka rona.


Itseng fa mokaulengwe Timotheo a golotswe, yo e tlaa reng fa a ka akofa a tla, ke be ke tla ke ya go lo bona ke na nae.


Ke nna Jakobe motlhanka wa Modimo le wa Morena Jesu Keresete; ke kwalela ditšhaba tse di 12, tse e leng tsa Phaladi, ka re: Dumelang.


Gonne lo ne lo timela jaaka dinku; gompieno lo boetse mo go Modisa le Mookami wa mewa ya lona.


Ke nna Simone Petere, motlhanka le moaposetole wa ga Jesu Keresete; ke kwalela ba ba bonyeng tumelo e e tlhokegang le e e ntseng jaaka ya rona, mo tshiamong ya Modimo wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.


Ke nna Juta, motlhanka wa ga Jesu Keresete, le monnaa Jakobe, ke kwalela ba ba biditsweng, ba ba rategang mo Modimong Rara, ba boloketswe Jesu Keresete:


Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo o e mo neileng, gore a e bontshe batlhanka ba gagwe, e bong ya dilo tse di tlaa akofang di dirafala; mme a roma moengele wa gagwe, a e bolelela Johane motlhanka wa gagwe;


bokwateng jwa dinaledi tse supa tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le jwa ditlhomo tsa dipone tse supa tsa gouta. Dinaledi tse supa ke baengele ba diphuthego tse supa; le ditlhomo tse supa tsa dipone ke diphuthego di supa.


Ka wela fa pele ga dinao tsa gagwe ka re ke a mo obamela. A nthaya a re: “O se ka wa ba wa go dira moo; ke motlhanka ka wena, le ka ba gaeno ba ba bolokileng tshupo ya ga Jesu. Obamela Modimo; gonne tshupo ya ga Jesu ke mowa wa thuto.”


“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Peregamo, o re: ‘Yo o tshotseng tšhaka e e lootsegileng, e e magale mabedi, o bua dilo tse, a re:


“O kwalele moengele wa phuthego e e mo Semurena, o re: ‘Wa ntlha le wa bofelo, yo o kileng a swa, a ba a tshela gape, o bua dilo tse, a re:


Mme a nthaya a re: “O se ka wa ba wa dira jalo; ke motlhanka ka wena, le ka baperofeti ba gaeno, le ka ba ba bolokileng mafoko a lokwalo lo; obamela Modimo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan