Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi ki le ka re, Ki tla kabolola tsebe ea gago, ka re, U le reke ha pele ga banni le ha pele ga bagolu ba bathu ba me. Ha u tla le rekolola, u le rekolole: mi ha u sa le rekolole, ’mpulelela, gore ki itse: gone go si ope eo o cuanetseñ go le rekolola, ha e si uena, le ’na, eo ki leñ morago ga gago. Mi a re, Ki tla le rekolola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 Ke ne ka re, ke tla go begela jalo ke re: E reke fa pele ga ba ba dutseng fa le fa pele ga bagolo ba morafe wa ga rona. Fa o rata go e rekolola, e rekolole; fa o sa rate go e rekolola, o bolele gore ke itse. Gonne ga go na ope yo o ka e rekololang fa e se wena le nna yo ke fa morago ga gago.” A araba a re: “Ke tla e rekolola.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Ke gopotse go go loma tsebe ke re: A ko o se reke fa pele ga bone ba ba dutseng fa, le fa pele ga bagolwane ba batho ba gaetsho. Fa o rata go se rekolola o se rekolole; fa o gana go se rekolola, foo o mpolelele, gore ke tle ke itse; gonne ga go na ope yo o ka se rekololang kwa ntle ga gago; nna ke tla morago ga gago.” Mme a re: “Ke tla se rekolola.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:4
12 Iomraidhean Croise  

Nya, morena oa me, ’nkutlua: leöta kia le gu naea, le moñobo o o leñ mo go yeona kia o gu naea: kia o gu naea ha pele ga bomoroa bathu ba me: u hitle moshui oa gago.


Aberahame go na boshua, ha pele ga bana ba ga Hete, le ha pele ga botle ba ba tsenañ khoroñ ea motse oa gague.


Mi Yehova Morena, u ’ntheile, Ithekele leota ka mari, mi u tsee bashupi: leha motse o tsencoe mo atleñ tsa Bakaledia.


Si rueleñ boshula yoa moñue ka boshula. Tlamelañ lilo tsa tsiamo ha pele ga bathu botle.


Ka go tlamela lilo tsa tsiamo, esiñ gosi ha pele ga Morena, mi le ha pele ga bathu.


Erehe gona bagolu ba motse oa gague ba mitsañ, ba bua nae: mi ha a sa eme, a re, Ga ki khatloe ki go mo tsaea;


Ya bohelo, bakauleñue, cotle tsa boamarure, le cotle tse ri tlotlegañ, le cotle tse ri siameñ, le cotle tsa boitsepho, le cotle tse liñtle, le cotle tse ri nañ le mahuku a molemo; ha go le bonatla boñue, mi ha go le pako ñue, gopolañ lilo tse.


Mi Naome a raea ñuetsi oa gague, Go tsegaharioe Yehova eo o sa tlogelañ go tsalana le batseri le bashui. Mi Naome a mo raea, Monona eo ki tsala e e gauhe le rona, moñue oa barekolori ba rona.


Mi yana, rure ki morekolori oa gago: leha gontse yalo morekolori o gona eo o gauhe bogolu go ’na.


Mi a re, U mañ? Mi a araba, Ki Rute lelata ya gago: ki gona phuthololela lelata ya gago lohuka loa gago; gone u morekolori.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan