Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi bathu botle ba ba mo khoroñ, le bagolu, ba re, Re bashupi. A Yehova a rihe mosari eo, eo o tsileñ mo tluñ ea gago yaka Rakele le Lie, ba tu ba ba ba le ba aga eintlu ea Yeserele: a a mo atlametlise mo Eferata, le leina ya tumo mo Beta‐lehema:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 Batho botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng le bagolo ba araba ba re: “Re basupi! Mosadi yo o tla tsenang mo lapeng la gago a Morena a mo dire jaaka Ragele le Lea ba ba agileng lelapa la ga Iseraele ka bobedi jwa bone. Dira tse dikgolo mo Eferatha gore o nne le leina mo Betleheme.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Batho botlhe ba ba mo kgotleng le bagolwane botlhe ba re: “Re basupi, mosadi yo o tsileng mo ntlong ya gago, a Jehofa a mo dire jaaka Ragele le jaaka Lea, ba e leng bone ba agileng ntlo ya Iseraele ka bobedi jwa bone; o dire mo go tshwanetseng mo Eferatha, o bo o nne motho yo o itsegeng mo Bethelehema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:11
24 Iomraidhean Croise  

Mi Eferone a nna mo baneñ ga ba Hete; mi Eferone Mohita a araba Aberahame mo tsebeñ tsa bana ba ga Hete, eboñ tsa botle ba ba tsenañ ka khoro ea motse oa gague, a re,


Mi ba tsegahatsa Rebeke, mi ba mo raea, U ne ma bothousanda yoa bomilion, mi a losika loa gago lo rue khoro ea ba ba lo ilañ.


Mi Labane a na le bomoroarie ba tu: leina ya eo mogolu e le le Lie, mi leina ya eo motlana e le le Rakele.


Mi ga rihala moshoñ, bonañ, e le le Lie: mi a raea Labane, Eñ se u se ’ntihetseñ? a ga kia ka ka gu rihelela Rakele? U ’ntsieleritseñ?


Mi Lie a ithuala, a bona mosimane, mi a mo sha leina ya Rubene: gone a re, Amarure Yehova a lebile pogisho ea me: ki gona yana monona oa me o tla ’nthatañ.


Bomoroa Lie; e le le Rubene oa burure oa ga Yakobe, le Simeone, le Leve, le Yude, Yisakare, le Sebulone:


Bomoroa Rakele; e le le Yosefe, le Benyamine:


Ereha gona o kualañ liepisetole ka leina ya Ahabe, a li kana ka sekanelo sa gague, mi a romela liepisetole go bagoluñ le go bagoluaneñ ba ba le ba le mo motseñ, o Nabote o nntseñ go ona.


Le Saleme ra ba Beta‐lehema le Harefe ra ba Beta‐gadera.


Bonañ, re le ra utlua ga eona kua Eferata; re le ra e bona mo linageñ tsa Yearima.


MOSARI moñue le moñue eo o tlalehileñ o aga ntlu ea gague: mi oa bosilo oa e thuba ka atla tsa gague.


Monona oa gague o itsioe mo likhoroñ, ka a rula mo bagoluñ ba lehatsi.


Mi ka kuala mo sekualoñ, ka se kana, mi ka tsaea bashupi, ka mo lekanyetsa mari mo selekanyoñ sa pego.


Mi uena Beta‐lehema Eferata, u motlana go na mo mathousandeñ a Yuda, go tla ’ncoela go uena eo o tla nañ Mobusi mo Bayesereleñ; eo maco a gague a la a le a bogolugolu le bogolugolu tala.


Mi uena Beteleheme, mo hatsiñ ya Yuda, ga u motlana bogolu mo balaoriñ ba Yuda; gone go tla coa go uena Mogogi eo o tla risañ bathu ba me Bayeserela.


Mi ha monona eo a sa khatloe ki go tsaea mosari oa ga mogolue: erehe gona mosari oa ga mogolue o eañ bagoluñ mo khoroñ, a re, Monna monona oa me o gana go emisetsa mogolue leina mo Bayesereleñ, o gana go ’ntihela cuanelo ea monna‐mothu.


Erehe gona mosari oa ga mogolue o mo atamelañ ha pele ga bagolu, a rola setlaku mo naoñ loa monona eo, a mo khuela mathe mo hatlogoñ sa gague, a shupa a re, O riheloa yalo monona, eo o ganañ go agela mogolue eintlu.


Mi leina ya monona e le le Elimeleke, mi leina ya mogatse e le le Naome, mi maina a bomoroaue e le le Mahelone, le Kilione, Baeferata ba Beta‐lehema‐yuda. Mi ba hitla kua hatsiñ ya Moaba, mi bo ba le gona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan