Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:10 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Le gona Rute oa Semoaba, mosari oa Mahelone, ki mo rekile go ’na mosari oa me go cosetsa leina ya moshui mo boshueñ yoa gague, gore leina ya moshui le si khaoloe mo baneñ ba rague, le mo khoroñ ea helo ga gague: lo bashupi ka yenu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

10 Le gona ke tsaya Ruthe wa Moabe, mosadi wa ga Magelone gore a nne mosadi wa me, mme ke tsose leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, mme leina la moswi le se ka la nyelediwa mo gare ga bomorwa-rraagwe le mo lekgotleng la motse wa ga gabo. Lona lo basupi kajeno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Gape Ruthe wa Momoabe, mosadi wa ga Mahelone, ke mo rekile gore a tle a nne mosadi wa me, go tsosa leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, gore leina la moswi le se ka la kgaolwa la tswa mo baneng ba ga rraagwe, le mo kgotleng ya felo ga gagwe; lo basupi gompieno.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:10
19 Iomraidhean Croise  

Uetsa ueke ea eo, mi le eo moñue re tla mo gu naea ka tihelo e u tla ’ntihelañ nyaga li seven tse riñue ka eona.


Mi Onane, a itse ha losika lo si kitla lo na loa gague, mi ga rihala ka a ea mo go mogatsa mogoluue, a o culolela ha hatsi, gore a si cosetse mogoluue losika.


A li ne ka gale ha pele ga Yehova, gore a khaole khopolo kaga bona mo lehatsiñ;


Sehatlogo sa ga Yehova se go ba ba rihañ boshula, go khogola khopolo kaga bona mo hatsiñ.


Eo o bonyeñ mosari, o bonye se se molemo, mi o necoe nateho ki Yehova.


Ntlu le lithoto ki boshua yoa bo‐rra: mi mosari eo o tlaloganyañ ki oa ga Yehova.


Losika loa lona le lona lo ko lo ntse yaka mashaua a yeona, le matlogela a liteñ tsa lona yaka a liteñ tsa yeona; e ko e sa poñoe, le leina ya eona le sa señoe ha pele ga me.


¶ Yakobe o la a tsabela kua hatsiñ ya Siria; Yeserele a rihelela mosari, mi a risetsa mosari linku.


Mi ka mo ithekela ka liselevera li faevten le homera ea barele, le ntla ñue ea homera ea barele:


¶ Mi go tla rihala mo motleñ ouo, go bua Yehova oa lintua, ki tla khaola maina a licuanco tsa merimo mo lehatsiñ, mi ga li kitla li tlola li gopoloa: mi ki tla hetisa le bona baperofeti, le moea o o mashue mo lehatsiñ.


Leha gontse yalo loa re, Kañ? Gone Yehova e le le moshupi gare ga lona le basari ba bokau yoa lona, ba lo ba rihetseñ ka bonoñuane: leha ba le lilekane tsa lona, le basari ba kholagano ea gago.


Banona, ratañ basari ba lona, yaka Keresete le ena o la a rata ekelesia, mi a e inelela;


Mi a go rihale oa burure eo, o tla mo tsalañ, a a eme ka leina ya ga mogola‐rague eo o shuleñ, gore leina ya gague le si phimoloe mo Bayesereleñ.


A nyalo e ne tlotlo mo go botle, le bolao yo bo sa leshueharioeñ: mi bagokahari le ba boaka, Morimo o tla ba sekisa.


Gone Bakanana le banni botle ba lehatsi ba tla utlua, ba re rikologa, ba khaola leina ya rona mo hatsiñ: mi u tla riha yañ ka leina ya gago ye legolu?


Mi Boase a raea bagolu, le bathu botle, Lo bashupi ka yenu ha ki rekile cotle tsa Elimeleke, le cotle tsa Kilione, le tsa Mahelone, atleñ sa Naome.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan