Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 4:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Boase a ea kua khoroñ, mi a lula gona: mi bonañ, morekolori eo Boase o la a bua ga gague a heta; eo, o mo reileñ, He seleyana, hapogela, u lule ha. Mi a hapoga a lula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Boase a ya kwa kgotleng, a feta a nna fatshe. Ke fa mogolodi yole a feta, yo Boase a buileng ka ga gagwe. Boase a mmitsa a re: “Tlaa jaana, o nne fatshe, wena mangmang.” A fapogela teng, a nna fatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Boase a ya kgotleng a dula gone. Mme bonang, monna wa losika yo o gaufi, yo Boase o ne a buile ka ga gagwe, a tla gone. A mo raya a re: “He, wena semangmang, fapoga, o tle go dula fa.” A fapoga, a dula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 4:1
21 Iomraidhean Croise  

MI ge tla baengeli ba le tu go Sodoma ka matsiboea; mi Lote a ba a rutse mo khoroñ ea Sodoma: mi eare Lote a ba bona a ema go ba khatlantsa; mi a ikoba ka sehatlogo ha hatsi.


Mi Eferone a nna mo baneñ ga ba Hete; mi Eferone Mohita a araba Aberahame mo tsebeñ tsa bana ba ga Hete, eboñ tsa botle ba ba tsenañ ka khoro ea motse oa gague, a re,


¶ Mi Hamore le Shekeme moroaue ba tla khoroñ ea motse oa bona, mi ba bua le banona ba motse oa bona, ba re,


Mi Abesalome a phakela, a ema ha thoko ga tsela ea khoro: mi ga rihala, ha monona moñue eo o nañ le se se ganeloañ a ea kua khosiñ go siamisioa, Abesalome a mitsa, mi a re, U oa motse ohe? Mi ha a re, Motlañka oa gago ki oa loñue loa lico tsa Bayeserela.


Mi khosi ea Bayeserela le Yehoshafate khosi ea Yuda ba rutse moñue le moñue ha teroneñ ea gague, ba apere aparo, ba rutse mo sebothoñ, ha moyakoñ oa khoro ea Samaria; mi baperofeti ba perofesa botle ha pele ga bona.


Ka ki ralala motse ki ea kua khoroñ, ki bakanya serulo sa me mo mileñ,


Ha ki culeletsa khutsana atla sa me, erile ki bona thusho ea me mo khoroñ;


Ba ba rutseñ mo likhoroñ ba ’ntseba; mi ka na sehela sa batagoi.


Monona oa gague o itsioe mo likhoroñ, ka a rula mo bagoluñ ba lehatsi.


HE! lona lotle ba lo nyoroañ, tlañ go linokeñ, le lona ba lo sinañ mari; tlañ lo reke, lo ye; E, tlañ lo reke boyaloa le mashi, esiñ ka mari, leha e le ka tuelo.


Mi ka kuala mo sekualoñ, ka se kana, mi ka tsaea bashupi, ka mo lekanyetsa mari mo selekanyoñ sa pego.


Ilañ boshula, mi ratañ molemo, mi tlomamisañ tsiamisho mo khoroñ: ekare khotsa Yehova Morimo oa lintua o ka na boicuarelo go masalela a Yosefa.


¶ He! he! tsabañ hatse ya Noreta, go bua Yehova: gone ki lo ana-miseritse mo phehoñ li for tsa legorimo, go bua Yehova.


¶ Lo itaolele basiamisi le likala mo khoroñ tsa lona cotle, tse Yehova Morimo oa lona o li lo naeañ mo licoñ tsa lona: mi a ba siamise bathu ka tsiamisho e e siameñ.


Erehe gona u isañ monona eo ha khoroñ tsa lona, khotsa mosari eo, eo o shulatsitseñ; monona eo, khotsa mosari eo; mi lo ba khobotletse ka maye, gore ba shue.


Erehe gona rague le mague ba mo cuarañ bo mo isa bagoluñ ba motse oa gague, le kua khoroñ ea helo ga gague;


Mi ha monona eo a sa khatloe ki go tsaea mosari oa ga mogolue: erehe gona mosari oa ga mogolue o eañ bagoluñ mo khoroñ, a re, Monna monona oa me o gana go emisetsa mogolue leina mo Bayesereleñ, o gana go ’ntihela cuanelo ea monna‐mothu.


Mi eo o tla tsabelañ go moñue oa metse euo, a a eme ha moyakoñ oa khoro ea motse, a bue mahuku a gague mo tsebeñ tsa bagolu ba motse o; erehe gona ba mo iculelañ mo motseñ, ba mo naea helo, gore a nne nabo.


Mi yana, rure ki morekolori oa gago: leha gontse yalo morekolori o gona eo o gauhe bogolu go ’na.


Ereha gona o reñ, Moroariaka, lula e tle e tsamaee u itse kaha seo se se tla nañ ka gona; gone monona eo a si kitla a ikhutsa a tla a tsamaea a uetsa seo se ka yenu.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan