Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 3:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Boase a sina go ya le go noa, mi pelu ea gague e natehala, a ea go itelega ha tlatse ga mokoa oa mabele: mi a ea ka nyanyaelo, a henola nao tsa gague, mi a itelega.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 E rile Boase a sena go ja le go nwa, mme pelo ya gagwe e itumetse, a ya a robala fa thoko ga mokoa wa garase; ke fa Ruthe a tla a ngwangwaela, a bipolela fa dinaong tsa gagwe, a robala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 E rile Boase a sena go ja le go nwa, pelo ya gagwe e le mokete, a ya go robala kwa ntlheng ya mokoa wa mabele; Ruthe a tla ka bonya, a fenola dinao tsa gagwe, a robala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 3:7
18 Iomraidhean Croise  

Mi a tsaea ga meyo e e ha pele ga gague, mi a e ba naea, mi moyo oa ga Benyamine oa bo o le bogolu bo‐faeve mo go oa bona botle. Mi ba noa, mi ba khora nae.


Mi Abesalome a laola makau a gague, a re, Lo tlokomele ha pelu ea Amenone e natehetse ka boyaloa, mi ere ki lo raea, Daeañ Amenone; erehe gona lo molaeañ, si boiheñ: ’na, a ga kia lo laola? thatahalañ, mi lo gañka-hale.


Mi Yesebele mosari oa gague a mo raea, A u busa yana bogosi yoa Bayeserela? nanoga, u ye liyo, mi a pelu ea gago e natehale: ’na ki tla gu naea tsimo ea movina ea ga Nabote oa Moyisereela.


¶ Erile pelu ea khosi e natehile ka boyaloa, ka tsatsi ya bo‐seven, ea raea Mehumane, le Bisete, le Harebone, le Bigete, le Abagete, le Setare, le Karekase, likala li seven tse ri rihelañ ha pele ga Ahasueruse khosi,


Le boyaloa yo bo itumerisañ pelu ea mothu, le loukuane go phatsimisa hatlogo sa gague; le señkhue se se thatahatsañ pelu ea mothu.


Moletlo o riheloa go tsega, mi boyaloa bo itumerisa batseri: mi mari a riha gotle.


A ga go molemo o mogolu mo mothuñ, go ya le go noa, gore moea oa gague o bone molemo oa khokholelo ea gague? Se le shona ka se lemoga, se coa mo atleñ sa Morimo.


Ki gona ka baka tlapelo, ka gone mothu ga a na sepe se se molemo bogolu tlatse ga letsatsi, ha e si go ya le go noa le go tlapeloa: gone se, se tla mo salela sa khokholelo ea gague, mo malatsiñ a botselo yoa gague, e Morimo o e mo neileñ tlatse ga letsatsi.


Ea, mi u ye señkhue sa gago ka boitumelo, mi noa boyaloa yoa gago ka pelu e e monate; gone le gona Morimo o nateheloa ki tiho tsa gago.


Ki gona leha lo ya, khotsa lo noa, khotsa lo riha se sele, rihelañ cotle khalaleloñ ea Morimo.


Mi si tagoeñ ka boyaloa, yo bobe bo mo go yona; mi tlarioañ ka Moea.


Mi ga rihala ka pelu tsa bona li natehala, ba re, Bitsañ Samesone gore a re tsamekele. Mi ba bitsa Samesone a coe mo tluñ ea kholegelo; mi a tsameka ha pele ga bona: mi ba mo emisa gare ga lipilara.


¶ Ka ba sa natetsa pelu tsa bona, bonañ, banona ba motse, banona ba mañkholu bañue, ba rikologa eintlu, ba rutha moyako, ba bua le muñ oa eintlu oa mocohe, ba re, Entsa monona eo o tsileñ mo tluñ ea gago, gore re mo itse.


Mi ba lula, mi ba ya, ba noa mogo. Mi ra moroetsana a raea monona, a re, A ko u beleege, u tlole bosigo, mi a pelu ea gago e natehale.


Mi erile monona a coga go ea, ena le mogariñuana oa gague, le lekau ya gague, mogue oa gague ra moroetsana, a mo raea, Bona, yana tsatsi le ñotlahaletse matsiboeeñ, a ko u tlole bosigo; bona, tsatsi ya repelela, u tlole bosigo monu, gore pelu ea gago e natehale; mi u phakelele tsela ea gago ka mosho, go ea kua gaeñ ya gago.


¶ Mi a ea kua sebupiñ, a riha kaka cotleñ tse matsalague a li mo laoletseñ.


Mi ga rihala gare ga bosigo, monona eo, a coga ka a ipitikolola: gone bonañ, mosari a letse ha naoñ tsa gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan