Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi o la a re, A ko ’me ki ronope, ki kokoanye morago ga barobi mo liñateñ: mi o tsile yalo, mi a ema go simolola ka ka mosho le go yana, mi yana a tlola gole gonye mo tluñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 O kopile a re: ‘Ka thapelo, nte ke ronope, ke sele diako mo gare ga dingata, ke sale basegi morago.’ Fa e sa le a tla, o ntse a tshwere go tloga mo mosong go fitlha jaanong. Ga a nne fa fatshe mo tshimong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 O ne a nthaya a re: ‘A ko lo mme ke ronope ke setse basegi morago mo gare ga dingata;’ mme a tla. O sa le a dira ka moso le jaana, fa e se gore, o kile a nna ka lobakanyana mo ntlong.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:7
14 Iomraidhean Croise  

Moea oa moruhari oa eletsa, mi ga o na sepe: mi moea oa motloahari o tla nontsioa.


Poiho ea Yehova e le thuto ea botlale; mi khobalalo ea ea pele ga tlotlo.


Mohumanegi o bua ka lithapelo; mi mohumi a arabe ka boima.


A u bona monona oa bobebe mo tihoñ ea gague? o tla ipaea ha pele ga likhosi; ga a kitla a ipaea ha pele ga ba ba sa kaioeñ.


Cotle tse, atla sa gago se li bonañ go li riha, riha tse ka nonoho ea gago; gone go sina tiho, le togomano, le kico, le botlale mo bobipoñ, kua u eañ gona.


Go tsegaharicoe ba ba humanegileñ mo moeñ; gone pusho ea magorimo e le ea bona.


Lo si ne boboru mo tihoñ; tloahalañ mo moeeñ; ka go rihela Morimo;


Mi a re si lapisioe ki go riha molemo; gone re tla roba mo motleñ o e leñ ona, ha re sa iribale.


Go utluana mo poihoñ ea Morimo.


Mi Rute oa Semoaba, a raea Naome, A ko ’me ki ee mo leoteñ go ronopa ako tsa mabele, morago ga gague eo ki tla bonañ tsalano mo maitloñ a gague. Mi a mo raea, Moroariaka, ea.


Mi Rute oa Semoaba a re, Le gona a ’nthaea, U ñaparele baroetsana ba me, e tsamaee ba uetse thobo eotle.


Mi lekau ye le laorisioañ barobi ya araba ya re, Eo ki moroetsana oa Semoaba, eo o ruleñ le Naome mo hatsiñ ya Moaba:


Ereha gona Boase o raeañ Rute, Moroariaka a gu utlue? U si ee go ronopa mo leoteñ le sele, le gona u si coe monu, mi u ñaparele baroetsana ba me:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan