Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi bonañ, Boase a coa Beta‐lehema, mi a raea barobi, A Yehova a ne le lona. Mi ba araba, A Yehova a gu tsegahatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 E rile go ise go ye kgakala, Boase a ba a goroga, a tswa kwa Betleheme, a dumedisa basegi a re: “A Morena a nne le lona!” Ba mo araba ba re: “A Morena a go tshegofatse!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mme bonang, Boase a tswa Bethelehema, a fitlha a raya basegi ba mabele a re: “A Jehofa a nne le lona,” bone ba mo fetola ba re: “A Jehofa a go segofatse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:4
21 Iomraidhean Croise  

Gone ki mo itsile, ka a tla laola bana ba gague, le eintlu ea gague hularoñ sa gague, mi ba tla tsegetsa tsela ea ga Yehova, go riha tsiamo, le tsiamisho; gore Yehova a lere go Aberahame se o se buileñ ga gague.


Mi Morimo Mothatietle a o gu tsegahatse, mi a o gu atise, le go gu intsihatsa, gore u ne bontsi yoa bathu:


Le Saleme ra ba Beta‐lehema le Harefe ra ba Beta‐gadera.


Go tsegaharioa eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehova; rea lo tsegahatsa go coa mo tluñ ea ga Yehova.


Yehova eo o rihileñ legorimo le lehatsi, a gu tsegahatse go coa Tsiona.


Go bua yalo Yehova oa lintua, Morimo oa Bayeserela: Ba tla nama ba bua ka lehuku ye mo hatsiñ ya Yuda le mo metseñ ea yeona, mogañ ki bosañ bocuaro yoa bona: A Yehova a gu tsegohatse, uena bonno yoa tsiamo, thaba ea boitsepho.


A Yehova a lo tsegahatse a lo buluke:


Mi ka moengele a tsena, a mo raea, Rumela, moratoi eo mogolu, Morena o na nau, u tsegoharicoe mo basariñ.


Mi yana Morena oa kagisho ka esi a lo nee kagisho ka gale, ka mekhua otle. Morena a ne le lona lotle.


Mi bona ba ba nañ le beñ ba ba rumelañ, a ba si ba nyatse, gone e le bona bakauleñue, mi bogolu a ba ba rihele, ka ba ikañoa, ba ratega, yaka baaberoi ba tuelo ea molemo e. U rute u kaele ka lilo tseuo.


Yesu Keresete Morena a a ne le moea oa gago. Tsegohaco e ne le lona. Amena.


Mi ha e le boshula mo maitloñ a lona go rihela Yehova, itseñkelañ ka yenu eo lo tla mo rihelañ; leha e le merimo e bo‐rra enu ba e rihetseñ kua boseyeñ yoa molapo, khotsa merimo ea Baamora, ba lo nntseñ mo hatsiñ ya bona: mi kaga me, le ba eintlu ea me, re tla rihela Yehova.


Mi moengela oa Yehova a iponatsa go ena, a mo raea, Yehova o na nau, uena, monona oa bonatla.


Mi Yehova a mo raea, Rure ki tla na nau, mi u tla khemetha Bamidiana yaka monona a le moñue.


Mi a ea a hitla, mi a ronopa mo leoteñ morago ga barobi: mi ga mo rihalela go na ha eintleñ ea leota ya Boase, eo e leñ oa sika loa Elimeleke.


Mi Boase a raea lekau ya gague, ye le laorisioañ barobi ba gague, Moroetsana eo, oa mañ?


Mi bathu botle ba ba mo khoroñ, le bagolu, ba re, Re bashupi. A Yehova a rihe mosari eo, eo o tsileñ mo tluñ ea gago yaka Rakele le Lie, ba tu ba ba ba le ba aga eintlu ea Yeserele: a a mo atlametlise mo Eferata, le leina ya tumo mo Beta‐lehema:


Mi Davide a bua, a re, Yehova eo o ’nkholotseñ mo lerooñ ya tau, le mo lerooñ ya bere, o tla ’nkholola mo atleñ ea Mofiliseta eo. Mi Saule a raea Davide, Ea, a Yehova a ne nau.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan