Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 2:11 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Boase a araba a mo raea, Ki bulelecoe rure cotle tse u lu ua li rihela matsalago, morago ga loshu loa monona oa gago: le kaha u tlogetseñ rago le mago, le lehatsi ya botsalelo yoa gago, mi ua tla mo bathuñ, ba u lu u si ka ua ba itse pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

11 Boase a araba, a mo raya a re: “Kana ke boleletswe tsotlhe sentle tse o di diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa, wa tlogela rraago le mmaago le lefatshe la ga eno, wa tla kwa morafeng o ò neng o sa o itse pele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Boase a mo fetola, a mo raya a re: “Ke boleletswe ka botlalo gotlhe mo o go diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa; le jaaka o tlogetse rraago le mmaago, le lefatshe la gaeno, mme o tsile mo bathong ba o sa ba itseng gale.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 2:11
15 Iomraidhean Croise  

Mi ga buleleloa Davide se Ritsepe moroaria Aye, mogariñuana oa Saule a se rihileñ.


Utlua, uena moroari, mi gopola, mi sekega tsebe ea gago, mi lebala bathu ba gago, le eintlu ea ga rago.


Gontse yalo le le moñue le moñue oa lona eo o sa tlogeleñ lilo cotle tse o nañ naco, eo ga a kake a na morutoa oa me.


Mi ka ba sina lere lishepa tsa bona kua hatsiñ, ba tlogela cotle, mi ba mo sala morago.


Ki gohe go nolo, go tua, Libe tsa gago u li icuarecoe; leha go ka tua, Tloga u eme, u tsamaee?


Mi Naome a re, Boeañ, bomoroariaka: lo elañ le ’na? a go sa le tsimane mo meleñ oa me, gore ba ne banona ba lona?


Mi o oela ka hatlogo sa gague, mi a ikobela ha hatsi, mi a mo raea, Ki bonye tsalano mo maitloñ a gago yañ, ka u ’nñoka ki le moeñ?


A Yehova a gu ruelele tiho ea gago, mi a tuelo e e tletseñ u e neoe ki Yehova Morimo oa Bayeserela, eo phuka tsa gague u tsileñ go ikanya go cona.


Mi Boase a mo raea, Moroariaka, u tsegaharioe ki Yehova: u rihile pelunomi e ea bohelo ea gago go sita ea eintla, ka u si ka ua latela makau a a humanegileñ khotsa a a humileñ.


Mi o tla na motserisi oa gago, mi o tla gu otla mo bocoheñ yoa gago: gone ñuetsi oa gago, eo o gu ratan, a mo tsetse, eo o gu lemohalelañ bogolu go tsimane e le seven.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan