Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ruthe 1:16 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 Mi Rute a re, Si ’nthibele, gore ki gu tlogele, go gu boela morago: gone kua u eañ gona, ki tla ea gona, le kua u tlolañ sigo gona, ki tla tlola sigo gona: bathu ba gago ki bathu ba me, le Morimo oa gago Morimo oa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

16 Mme Ruthe a re: “Se nkemelele gore ke go tlogele, ke boe ke se ye nao. Gonne kwa o yang teng, ke tla ya teng; kwa o nnang teng, ke tla nna teng. Morafe wa ga eno ke morafe wa ga etsho. Modimo wa gago ke Modimo wa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, ke boe, ke kgaogane le go go sala morago; gonne kwa o yang gone, ke tlaa ya gone; kwa o lalang gone, ke tlaa lala gone; batho ba gaeno e tlaa nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tlaa nna Modimo wa me;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ruthe 1:16
23 Iomraidhean Croise  

Mi Ite a araba khosi, mi a re, Yaka Yehova a tserile, le khosi morena oa me e tserile, kua heloñ ha khosi morena oa me e tla nañ gona, e ka na mo loshuñ leha e le mo tseloñ, hoñ le gona motlañka oa gago o tla nañ gona rure.


Utlua, uena moroari, mi gopola, mi sekega tsebe ea gago, mi lebala bathu ba gago, le eintlu ea ga rago.


Tsala e rata ka gale; le mokauleñue o tsalecoe thusho mo tlaleloñ.


GONE Yehova o tla utluela Bayakoba botluku, mi o tla ba a itseñkela Bayeserela, mi o tla ba lapolosa mo hatsiñ ya bona: mi baeñ ba tla ikopanya nabo, mi ba tla ñaparela ntlu ea Yakoba.


Khosi ea bua le Daniele, ea re, Go amarure, ha Morimo oa lona e le Morimo oa merimo, le Morena oa likhosi, le monatsi oa masaitsioeñ, ka u nonohile go bonatsa se se sa itsioeñ se.


Ki gona ki rihañ taolo, gore bathu botle, le merahe, le lipuo, ba ba tla buañ ka khalo kaga Morimo oa Shaderake, le Meshake, le Abede‐negoe, ba remagañoe, mi matlu a bona a rihoe thuthubulo: gone go si Morimo ope o o nonohileñ go golola mo gontseñ yalo.


Mi ’na, Nebukadenetsare, ki baka, ki gorisa, ki galaletsa khosi ea legorimo, gone tiho tsa eona ki tsa boamarure cotle, le litsela tsa eona tsiamisho: mi e nonohile go katisa bona ba ba sepelañ ka bopeluumpe.


¶ Mi ki sa le Yehova Morimo oa lona, le kua hatsiñ ya Egepeto, mi ga loa ka loa itse Morimo ope ha e si ’na: mi gabo go sina Muluki ha e si ’na.


Go bua yalo Yehova oa lintua: Go tla rihala mo metleñ euo banona ba ten ba lipuo cotle tsa merahe, ba tla tsegetsa, E, ba tla tsegetsa lokoya loa Moyuda, ba re, Re tla ea nau: gone re utluile ha Morimo o na le lona.


Mi ga tla mokuari moñue go ena, a mo raea, Rabi, ki tla gu sala morago le kua u eañ gona.


Petero a mo araba, Morena, ana ki sa gu lateleleñ yana? Ki tla gu bela botselo yoa me.


Mi Paulo a araba, Lo rihañ ka lo lela le go thuba pelu ea me? gone ki iketleleritse esiñ go golegoa gosi, mi le gona go shuela leina ya ga Yesu Morena mo Yerusalema.


Gone le bona ba bulela ga rona ka bosi, kaha go tsena ga rona mo go lona go le gontse ka gona; le kaha lo loa tlabologela Morimoñ lo coa merimon ea liseto ka gona, go rihela Morimo o o tserileñ le oa amarure;


Mi Yehova a leleka merahe eotle e ha pele ga rona, eboñ Baamora, banni ba lehatsi: Ki gona le rona re tla rihela Yehova; gone ki ena Morimo oa rona.


Ba ki ba ba sa leshueharioeñ ki basari; gone ba le makharebe. Ba ki bona ba ba salañ Kuana morago, le kua e eañ gona. Ba ki ba ba rekolocoeñ mo bathuñ, go na mauñuo a ntla mo Morimoñ, le mo Kuaneñ.


Mi a re, Bona, moguakau o boetse kua bathuñ ba gague le kua merimoñ ea gague: le uena, u sale moguakau morago.


Kua u shuelañ gona, ki tla shuela gona, mi ki tla hitloa gona: a Yehova a ’ntihele yalo le yalo, ha re ka khaogana ha e si ka loshu.


Mi lekau ye le laorisioañ barobi ya araba ya re, Eo ki moroetsana oa Semoaba, eo o ruleñ le Naome mo hatsiñ ya Moaba:


Mi o tla na motserisi oa gago, mi o tla gu otla mo bocoheñ yoa gago: gone ñuetsi oa gago, eo o gu ratan, a mo tsetse, eo o gu lemohalelañ bogolu go tsimane e le seven.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan