Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 7:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Ki tla belega bocarara yoa ga Yehova, gone ki mo leohetse, e tla e tsamaea a ganelela se se ganeloañ sa me, le go ’ntihela tsiamisho: o tla ’nnisetsa mo seriñ, ki tla bona tsiamo ea gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Ke leofetse Morena, mme ke tla itshokela bogale jwa gagwe go fitlhelela a nkemele tshekong ya me, a ntirele tse di ntshiametseng. O tla nntshetsa kwa leseding gore ke bone ditiro tse di siameng tsa gagwe ka boitumelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ke tlaa belega kgakalo ya ga Jehofa ka ke mo leofetse, go tsamaya a ganelela mafoko a me, mme a ntirela tshiamiso. O tlaa nntshetsa mo leseding mme ke tlaa bona tshiamo ya gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 7:9
36 Iomraidhean Croise  

Mi Davide ka a bona moengela eo o gailañ bathu, a bua le Yehova, a re, Bona, ’na, ki leohile, mi ’na, ki shokamisitse, mi liñku tse, li rihileñ? kia gu rapela a atla sa gago se ne go ’na, le go ba eintlu ea ga rre.


Leha gontse yalo o itse tsela e e ha go ’na: ki tla coa yaka gouda, mogañ o ’ntekañ.


Leha u re, Ga u kitla u o lepa, tsekisho e ha pele ga ona; ki gona u o lete.


Ganela se se ganeloañ sa me, mi u ’nkholole; ’ntserisa kaha hukuñ ya gago.


Gone o tla coisa tsiamo ea gago yaka leseri, le tsiamisho ea gago yaka motsegare.


’NTSEKISA, Morimo, mi ganela se se ganeloañ sa me, kaga morahe o o sa icuareleñ; ’nkholola mo mononeñ oa tsieco, le eo o sa siamañ.


Yehova, tloga u eme, mo bogaleñ yoa gago, u iculetse, ka eintla ea bogale yo bogolu yoa baba ba me; mi u ’nco-setse tsekisho e u e laotseñ.


Gone tsekisho e tla boela mo tsiamoñ, mi botle ba ba pelu li siameñ ba tla e latela.


Mi ki tla goga lihohu mo tseleñ e li li sa e itse; mi tselana tse li si ka tsa li itse ki tla li sepetsa go cona; ki tla hetola lehihi leseri ha pele ga cona, le mahelo a maguata gore a ne papano. Lilo tse ki tla li li rihela, mi ga ’nkitla ki li tloboga.


Go burolola maitlo a lihohu: go ntsa bagolegoi mo kholegoñ, le ba ba rutseñ mo hihiñ tluñ ea kholegelo.


Ki atametsa tsiamo ea me; ga e kitla e na khakala, mi puluko ea me ga e kitla e riega: ki tla naea Tsiona puluko, le go Bayeserela khalalelo ea me.


Go bua yalo Yehova, Morena oa gago, le Morimo oa gago, o tla ganela se se ganeloañ sa bathu ba gague. Bona, ki tla tsaea senoelo sa thogo mo atleñ sa gago, E, senoelo sa bogale yoa me; ga u kitla u tlola u se noa:


GO bua yalo Yehova, Bulukañ tsiamisho: rihañ tsiamo, gone puluko ea me e gauhe go tla, le ponatsego ea tsiamo ea me.


¶ Au, go latlega ’na ka tubego ea me! sebeco sa me se botluku: mi ka re, Rure, se ki pobolo, mi ki tla e belega.


¶ Yehova, leha litsiamololo tsa rona li shupa kaga rona, u rihe ka ntla ea leina ya gago: gone litenego tsa rona li lintsi; re gu leohetse.


Yehova o coerisitse litsiamo tsa rona: tlañ, a re buleleñ mo Tsioneñ tiho ea ga Yehova Morimo oa rona.


¶ Yehova o siame; gone ki cuuloletse litaolo tsa gague: a ko lo ’nkutlue, lona bathu botle, mi bonañ botluku yoa me: makharebe a me le makau a me a ile bocuaroñ.


Le ’na ha ki sepetse ka toloro ha go bona, ki ba isitse mo hatsiñ ya baba ba bona: mi ha pelu tsa bona tse ri sa guerisioañ li katisioa, mi ba natehalela peco ea tsiamologo ea bona;


Mi lo tla ba lo lemoga gare ga mosiami le moikepi, gare ga gague eo o rihelañ Morimo, le ena eo o sa o riheleñ.


Ki gona, si sekiseñ sepe pele ga motla oa shona, go tlo go tsamaee Morena a tle, eo o tla lereñ mo seriñ lilo tse ri shubiloeñ mo hihiñ, mi o tla bonatsa khakololo tsa lipelu; eriha gona moñue le moñue o tla bakoañ ki Morimo.


Mi kua pele ki beecoe thoko seroalo sa bogosi sa tsiamo, se Morena moatlori oa tsiamo, o tla se ’nnaeañ mo tsatsiñ ye; mi esiñ ’na ’nosi, mi le bona botle ba ba ratañ iponaco ea gague.


Uena legorimo, le lona baaposotoloi ba boitsepho, le baperofeti, Itumeleñ kaga ona; gone Morimo o lo o busholoseritse.


Mi a Yehova a ne mosekisi, mi a a siamise gare ga ’na le uena: mi a a bone, a ganele se se ganeloañ sa me, a ’nkholole mo atleñ sa gago.


¶ Mi erile Davide a utlua ha Nabale a shule, a re, Go bakoe Yehova eo o ganetseñ se se ganeloañ sa khobo ea me e e coañ go Nabale, a khoreleritse motlañka oa gague mo boshuleñ: gone Yehova o boseritse boshula yoa Nabale tlogoñ ea gague. Mi Davide a roma go bua le Abigaile, go mo nyala.


Mi Davide a re, Yaka Yehova a tserile, Yehova o tla molaea; khotsa tsatsi ya go shua ga gague le tla tla; khotsa ha a ea kua tlabanoñ a nyelerioa.


Mi Samuele a mo itsise mahuku aotle, mi a si ka a mo shubela sepe. Mi a re, Ki Yehova: a a rihe se se molemo mo maitloñ a gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan