Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:4 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Gone ki lo ntsitse mo hatsiñ ya Egepeto, mi ka lo rekolola mo tluñ ea botlañka; mi ka romela Moshe, le Arone, le Miriame ha pele ga lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

4 Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Gonne ke lo ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše fa pele ga lona, le Arone, le Miriame.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:4
29 Iomraidhean Croise  

Go morahe ohe o le moñue mo lehatsiñ o o cuanañ le Bayeserela bathu ba gago, ba Morimo o lo oa ea go ba ithekololela bathu, le go itaolela leina, le go ba rihela ka lilo tse ri kholu le tse ri boitsegañ mo hatsiñ ya gago, ha pele ga bathu ba gago, ba u ba ithe-kololetseñ mo Egepetoñ, le mo meraheñ le mo merimoñ ea eona?


U lua goga bathu ba gago yaka lecomane, ka seatla sa ga Moshe le sa ga Arone.


Mi ga rihala Yehova a entsa bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto mo tsatsiñ yeuo kaha lintueñ tsa bona.


Ki Yehova Morimo oa lona, eo o lo entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, le mo tluñ ea botlañka.


Mi yana, eintlo, mi ki tla gu romela go Faroe, gore u entse bana ba Yeserele, bathu ba me mo Egepeto.


¶ Mi Moshe a raea Yehova, Au, Morena oa me! ga ki monona eo o puo eiñtle, le ka motla o o hetileñ, le go motla o u buileñ le motlañka oa gago ka ona: mi ki molomo o o bonya, le loleme lo lo bonya.


Mi o tla gu buelela mo bathuñ: mi go tla rihala o tla na yaka molomo oa gago, mi u tla na yaka Morimo go ena.


Ba ki bona ba ba le ba bua le Faroe khosi ea Egepeto, gore ba entse bana ba Yeserele mo hatsiñ ya Egepeto: bauo ki Moshe le Arone.


Gone u lu ua ntsa Bayeserela bathu ba gago mo hatsiñ ya Egepeto ka licupo, le likhakhamaco, le ka atla se se thata, le ka cogo ye le otlologileñ, le ka poiho e kholu;


Le gona ki le ka lo ntsa mo hatsiñ ya Egepeto, mi ka lo tsamaisa mo bogareñganaga ka nyaga li forte, gore lo rue lehatse ya Baamora.


MI Miriame le Arone ba buela Moshe kaga mosari oa Seëtiopea, eo o lo a mo nyetse: gone o la a nyetse mosari oa Seëtiopea.


TSE ki khurugo tsa bana ba Yeserele, ba ba le ba coa mo hatsiñ ya Egepeto le lintua tsa bona, ka eintla ea ga Moshe le Arone.


Eo, o la a ba ntsa, a sina riha likhakhamaco le licupo mo hatsiñ ya Egepeto, le mo Leoatleñ ye le Hubiru, le mo gareñganaga, ka nyaga li forte.


Mi lo gakologeloe lo lo le batlañka mo hatsiñ ya Egepeto, mi Yehova Morimo oa lona o lo rekolotse: ki gona ki lo laolelañ seo se ka yenu;


Mi lo gakologeloe ha lo lo le batlañka mo Egepeto, mi Yehova Morimo oa lona o lo rekolotse gona: ki gona ki lo laolelañ se go se riha.


Mi lona, Yehova o lo cutse a lo entsa mo bokephishoñ yoa tsipi, mo Egepeto, gore lo ne bathu ba boshua go ena, yaka ka yenu.


Khotsa, a Morimo o lekile go itsela morahe mo gareñ ga morahe o moñue, ka liteko, le ka licupo, le ka likhakhamaco, le ka tlabano, le ka atla se se thata, le ka cogo ye le otlologileñ, le ka poiho tse ri kholu, kaha cotleñ tse Yehova Morimo oa lona o la a li riha ha pele ga maitlo a lona mo Egepeto?


¶ Ki Yehova Morimo oa lona, eo o la a lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto, mo tluñ ea botlañka.


Mi era gone Yehova a la a lo rata, mi a la a rihatsa ikano e o la a e ikanela bo‐rra enu, Yehova o lo entsitse ka atla se se thata, a lo rekolola mo tluñ ea botlañka, atleñ sa ga Faroe khosi ea Egepeto.


Mi ka rapela Yehova, ka re, Yehova Morena, u si senye bathu ba gago le boshua yoa gago, yo u bo rekolotseñ ka bogolu yoa gago, yo u bo entsitseñ mo Egepeto ka atla se se thata.


¶ Mi Samuele a raea bathu, Ki Yehova eo o la a riha Moshe le Arone, a entsa bo‐ra lona mo hatsiñ ya Egepeto.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan