Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 6:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Lona lithaba, utluañ khanelo ea ga Yehova, le lona metheo e e thata ea lehatse: gone Yehova o na le se se ganeloañ le bathu ba gague, mi o tla ganela le Bayeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Lona dithaba, utlwang kgang ya Morena, le lona metheo ya lefatshe e e sa fetogeng; gonne Morena o na le tsheko le morafe wa gagwe; o tla sekisanya le Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Utlwang, lona dithaba kgang ya ga Jehofa, le lona metheo ya lefatshe e e sa onaleng; gonne Jehofa o na le kgang le batho ba gagwe, mme o rata go ganetsanya le Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 6:2
19 Iomraidhean Croise  

Mi malao a leoatle a bonoa, metheo ea lehatsi ea bipololoa ka khalemelo ea ga Yehova, ka purulo ea moea oa bogale yoa gague.


Mi lehatsi ya tlakasela, mi ya roroma; metheo ea legorimo ea huruioa ea tlakasela, gone o lo oa tuka.


O theile metheo ea lehatsi, gore e si tsikinyege ka bosina bokhutlo.


Erile a nela leoatle moleloane oa yona, gore metse a si tlole lintsi tsa yeona; erile a thaea methao ea lehatse:


Tlañ yana, mi re sekaneñ, go bua Yehova: leha libe tsa lona li cuana le sekareleta, li tla shueuhala yaka celañ; leha li le bohibiru yaka keremesona, li tla na yaka boboea yoa ñku;


Yehova o eme go ganela, o emela go sekisa bathu.


Lo ’nkhakolole; a re siamisa-nyeñ: lo kakanye gore lo siamisioe.


Mi yana, lona banni ba Yerusalema, le lona banona ba Yuda, kia lo rapela, siamisañ gare ga me le tsimo ea me ea movina.


¶ Ki gona ki tla ganelañ le lona, go bua Yehova, mi ki tla ganela le bana ba bana ba lona.


Morumo o tla coa mo likhutloñ tsa lehatse; gone Yehova o na le se se sekoañ le merahe, o tla seka le nama eotle; mi baikepi o tla ba nela cakeñ, go bua Yehova.


Go bua yalo Yehova; Ha magorimo a a kua gorimo a ka lekañoa, le metheo ea lehatse kua tlatse e tlotlomisioa, ereha gona ki tla latlañ losika lotle loa Yeserela ka cotle tse ba li rihileñ, go bua Yehova.


Yehova le ena o na le se se ganeloañ le Bayuda, mi o tla betsa Bayakoba kaha tseleñ tsa bona: o tla ba khopolola kaha tihoñ tsa bona.


¶ Yakobe o la a cuara ñoana rague ka serethe a le mo empeñ, mi a ganela le Morimo ka nonoho ea gague:


LONA bana ba Yeserela, utluañ lehuku ya ga Yehova: gone Yehova o na le se se ganeloañ le banni ba lehatse; ka gone ga go na boamarure le esiñ pelunomi, le esiñ kico ea Morimo mo hatsiñ.


UTLUAÑ yana se Yehova o se reñ: Nanoga, ganela ha pele ga lithaba, mi a lithabana li utlue koru ea gago.


Gone molelo o cubiloe ki bogale yoa me, mi o tla hisetsa kua bobipoñ yo bo kua tlatse tlatse; mi o tla gaila lehatsi le totahalo ea yeona, o cuba metheo ea lithaba.


Ki bitsa legorimo le lehatsi ka yenu go shupa kaga lona, ha lo tla akoha lo helela rure mo hatsiñ, ye lo le khabaganyetsañ Yoredane, go le rua; ga lo kitla lo leletsa malatsi go yeona, mi lo tla señoa lotle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan