Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ki gona o tla ba nelelañ e tsamaea motla o rihala, eo o tla tsalañ a tsale: ereha gona bana ba ga rague ba ba setseñ, ba tla boelañ go baneñ ba Yeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Ke gone ka moo o tlaa ba tlhobogang, ene yo o mo metlotseding a ba a tla a belega; foo makunantshane a bana ba ga rraagwe a tlaa boela kwa baneng ba Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:3
31 Iomraidhean Croise  

Mi o tla nela Bayeserela ka eintla ea maleo a ga Yeroboame, eo o leohileñ, le go leohisa Bayeserela.


Mi lo si ne yaka bo‐rra enu, le yaka bana ba rra‐enu, ba ba tloletseñ Yehova Morimo oa bo‐rabo; ki gona o ba neletseñ tsenyego, yaka lo bona.


A merahe e gu bake, Morimo! a merahe eotle e gu bake.


Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, Morena o tla otlolola atla sa gague ka loa bo‐tu go ntsa masalela a bathu ba gague, ba ba setseñ kua Asia, le kua Egepeto, le kua Paterosa, le kua Kusha, le kua Elama, le kua Shenara, le kua Hama, le kua mahatseñ a leotle.


Le gona oa re, Go bobotlana bogolu, go na motlañka oa me, go cosa lico tsa Bayakoba, le go ba go lere babulukoi ba Bayeserela: le gona ki gu netse leseri ya merahe, le puluko ea me le kua khutloñ sa lehatse.


¶ Bonañ, metla e etla, go bua Yehova, mogañ ki tla cosetsañ Davide Letlogela ya tsiamo, mi Khosi e tla busa e tsegohala, mi e tla riha tsiamisho le tsiamo mo hatsiñ.


KI tla na Morimo oa litsika tsa Bayeserela cotle ka motla ouo, go bua Yehova, mi li tla na bathu ba me.


Ki tla batla tse ri timetseñ tsa yeona, ki tlisa tse ri lelekiloeñ, ki boha tse ri robegileñ, ki thatahatsa tse ri bobolañ; mi ki tla senya tse ri nonneñ le tse ri thata, ki li hurisa ka tsiamisho.


¶ Lona Baeferaima, ki tla lo nelela yañ? lona Bayeserela ki tla lo nelela yañ? Ki tla lo rihelañ yaka Adema? ki tla lo rihelañ yaka Tsiboima? pelu ea me e hetogile go ’na; maikutluelo‐botluku aotle a me a tuka mogo.


¶ Leha gontse yalo, bonañ, ki tla mo hepa, mi ki tla mo isa kua bogareñganaga, mi ki tla bua le ena ka kobishopelu.


Ki gona ki tla bañ ki tlosa mabele a me mo bakeñ loa aona, le boyaloa yoa me yo bosha mo motleñ oa yona; mi ki tla cula boboea yoa me yoa ñku, le felase ea me, tse ri tsa neoa go apesa ikatego ea gague ka cona.


Ilañ boshula, mi ratañ molemo, mi tlomamisañ tsiamisho mo khoroñ: ekare khotsa Yehova Morimo oa lintua o ka na boicuarelo go masalela a Yosefa.


Mi moñue le moñue oa bona o tla lula tlatse ga movina oa gague, le tlatse ga mofeige oa gague; mi go si ope eo o tla boitsañ: gone molomo oa ga Yehova oa lintua o buile.


Mi ki tla riha ba ba tlotsañ masalela, le bona ba ba le ba halalerioa khakala go na morahe o o nonohileñ: mi Yehova o tla ba laola mo thabeñ ea Tsiona, ga yana le kua bosakhutleñ.


Mi masalela a Bayakoba a tla na gare ga bathu bantsi, yaka monyo o o coañ mogo Yehova, yaka merupe mo morogoñ, e e sa leteñ mothu, le esiñ go riegela bana ba bathu.


E, masalela a Bayakoba a tla na mo meraheñ gare ga bathu bantsi, yaka tau mo pholoholoñ tsa sekhua, yaka tauana mo macomaneñ a liñku: e ha e ralala, e gataka, e gagola, mi ga go ope eo o gololañ.


Lo tla ya, mi ga lo kitla lo khora; mi lo tla nyerega teñ ga ona; mi lo tla tsegetsa, mi ga lo kitla lo pherisa; mi se lo se pherisañ ki tla se nelela caka.


Leha gontse yalo, hatse ye, le tla senyerioa ka banni ba yeona, le ka louñuo loa tiho tsa bona.


Mi ki tla thatahatsa ba ntlu ea Yuda, mi ki tla buluka ba ntlu ea Yosefa, ki ba nnisa; gone ki ba utluetse botluku: mi ba tla na yaka ga kia ka ka ba latla: gone ’na Yehova ki Morimo oa bona, mi ki tla ba araba.


Mi o tla bona mosimane, mi u tla bitsa leina ya gague YESU; gone o tla golola bathu ba gague mo libeñ tsa bona.


Gone leha e le mañmañ eo o rihañ go rata ga Rre eo o mo magorimoñ, eo ki ena nnake, le khantsariake, le mme.


Mi Khosi e tla araba e ba raea, Amarure kia lo raea, Ereka lo rihetse yalo moñue eo motlana bogolu oa bakauleñue ba me ba, lo ’ntihetse yalo.


Gone ba o ba itsileñ pele, o ba laoletse pele go na go cuana le cuano ea Moroa ona, gore a ne motsaloi oa ntla mo go bakauleñue bantsi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan