Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 ¶ Yana u khayayegelañ? a ga go na khosi go uena? a bagakolori ba gago ba herile, ka metlotseri e gu cuere yaka mosari eo o belegañ?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Jaanong o goelang thata? Kgosi a ga e na nao? Gongwe a mogakolodi wa gago o nyeletse, mo e bileng o tshwerwe ke matlhoko jaaka mosadi yo o belegang?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Ana o kuelelang godimo? A ga go na kgosi mo go wena, ee, a mogakolodi wa gago o sule, fa e bo ne ne metlotsedi e go tshwere jaana jaaka ekete ya mosadi yo o mo pelegong?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:9
20 Iomraidhean Croise  

Mi ba tla rerega: litlalelo le mahutsana li tla ba kokoaela, mi ba tla icunuka yaka mosari eo o belegañ: ba tla lebana ka khakhamalo; lihatlogo tsa bona li tla na lihatlogo tsa likhabu.


Ki gona mañkopa a me a tletseñ botluku: metlotseri e ’ntsegeritse, yaka metlotseri ea mosari mo pelegoñ: ki cunuka ka go utlua; ki rerega ka go bona.


Yaka mosari eo o ithueleñ, a atamela go belega, a na le botluku, a khayayega mo metlotseriñ ea gague; le rona re le re ntse yalo ha pele ga gago, Yehova.


Uena monni oa Lebanona, u aga tlaga sa gago mo mesedareñ, u tla utlualega botluku yañ mogañ u tlotse-riegañ, le botluku yaka yoa mosari eo o belegañ!


¶ Ki gona lona Bayakoba batlañka ba me, si boiheñ, go bua Yehova; le lona Bayeserela, si reregeñ: gone bonañ, ki tla lo golola khakaleñ, le losika loa lona mo hatsiñ ya bocuaro yoa eona; mi Bayakoba ba tla boea, ba tla thagama ba iketla, mi ga go ope eo o tla ba boitsañ.


Ki tla bona banera, le go utlua tumo ea terompeta go lele go le kai?


Gone ki utluile koru yaka ea eo o belegañ, le tlalelo yaka ea moñue eo o belegañ oa burure oa gague, koru ea moroari Tsiona, a hegeloa, a otlolola atla sa gague, a re, Yana, ’naue! gone ki lapisicoe ki babolai.


Metse e thopiloe, le likago tsa phemelo li tseiloe; mi lipelu tsa ligañka tsa Moaba, li tla na yaka pelu ea mosari eo o belegañ, mo tsatsiñ yeuo.


Khosi ea Babelona e utluile tumeri ea bona; mi atla tsa eona li repile: tlalelo e e tsegeritse, le botluku yaka mosari eo o belegañ.


Bonañ, koru ea khayayego ea moroaria bathu ba me, e e coañ mo hatsiñ ye le khakala: A Yehova a ga a mo Tsiona? a khosi ea ona e sieo go ona? Ba ’nkhakahaletseñ ka licuanco tsa bona tse ri setiloeñ, le ka maithamako a boeñ?


Moea oa liñko tsa rona, motlorioi oa ga Yehova, a cuaroa mo mameneñ a bona, eo re rileñ ga gague, Re tla tsela mo bahaiteneñ tlatse ga moroti oa gague.


Gone yana ba tla re, Ga re na khosi, gone re si ka ra boiha Yehova; mi khosi e tla re rihelañ?


Metlotseri ea eo o belegañ e tla tla go bona: ba cuana le ñuana eo o sa tlaleheñ; gone ha e le e si yalo ba ko ba si ka ba riega mo heloñ ga kukunyo ea bana.


Gone bana ba Yeserela ba tla na malatsi mantsi ba sina khosi, ba sina khosana, ba sina cupelo ea tlabo, ba sina secuanco se se thokhameñ, ba sina efoda, le literafa.


Ki gona o tla ba nelelañ e tsamaea motla o rihala, eo o tla tsalañ a tsale: ereha gona bana ba ga rague ba ba setseñ, ba tla boelañ go baneñ ba Yeserela.


Mosari o na le khutsahalo mo pelegoñ, gone oura oa gague o tlile. Mi eare a sina belega ñuana, a sa tlole a gopola tlalelo ka ntla ea boitumelo, gone mothu a tsalecoe mo lehatsiñ.


Mi a bo a ithuele; mi a thomeletsa, a ikutlua, mi a le mo botlukuñ yoa go belega.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan