Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Mi ki tla riha ba ba tlotsañ masalela, le bona ba ba le ba halalerioa khakala go na morahe o o nonohileñ: mi Yehova o tla ba laola mo thabeñ ea Tsiona, ga yana le kua bosakhutleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

7 Ba ba tlhotsang ke tla ba dira masalela; ba ba katoseditsweng kwa kgakala ke ba dira setšhaba se se thata. Mme Morena e tla nna kgosi ya bone mo thabeng ya Sione go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Ene yo o ne a tlhotsa ke tlaa mo dira masalela, le ene yo o ne a latlhetswe kwa kgakala ke tlaa mo dira morafe o o thata; Jehofa o tlaa ba busa mo thabeng ya Sione go tloga fano le go ya bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:7
32 Iomraidhean Croise  

Leha gontse yalo ki tloritse khosi ea me mo Tsiona, thaba ea khalalelo ea me.


Mi terone e tla tlomamisioa ka pelunomi: mi moñue o tla lula mo go eona ka boamarure, mo taberenakeleñ ea ga Davide, mosekisi eo o tlokomelañ tsiamisho, eo o akohelañ tsiamo.


Khueri e tla shoshobagañoa, le letsatsi le tla tlayoa ki litloñ, mogañ Yehova oa lintua o tla busañ mo thabeñ ea Tsiona, le mo Yerusalema, le ha pele ga bagolu ba gague ka khalalelo.


¶ Mi leha kabo ea boten e tla na mo go yeona, le eona e tla hisioa; mi go cuana yaka moterebenta, le mooka, leha o khaoloa, go sala thito: peu ea boitsepho e tla na thito ea yeona.


Eo motlana o tla rihega ba thousand, le eo monyenye morahe oa natlahalo: ’na, Yehova, ki tla akotsa seuo mo motleñ oa shona.


Mañ eo o kileñ a utlua se sentseñ yalo? mañ eo o kileñ a bona tse rintseñ yalo? a lehatse le ka tlotseriega ka tsatsi le leñue hela? a morahe o ka tsaloa ka goñue? mi Tsiona e le ea tlotseriega, mi e belege bomoroa eona.


Mi a ’nthaea, Moroa mothu, hanu ki helo ga terone ea me, le helo ga pato tsa nao tsa me, ha ki tla nnañ gona mo baneñ ba Yeserela ka bosakhutleñ; mi ba ntlu ea Yeserela, ga ba kitla ba tlola ba itsekolola leina ya me ya boitsepho, bona, le esiñ likhosi tsa bona, ka maakahalo a bona, le ka lirepa tsa likhosi tsa bona mo maheloñ a a gorimo a bona;


Mi Morimo oa legorimo o tla emisa bogosi ka metla ea likhosi tseuo, yo bo si kitlañ bo señoa ka bosakhutleñ: mi bogosi yo ga bo kitla bo leselerioa bathuñ ba sele, bo tla thubaganya bo herisa magosi aotle auo, mi bo tla ema ka bosakhutleñ.


¶ Mi metla e sina heta, ’na, Nebukadenetsare, ka culeletsa maitlo a me kua legorimoñ, mi tlaloganyo ea me ea boela go ’na, mi ka baka Mogorimorimo, ka haka ka galaletsa eo o tselañ le ka bosakhutleñ, eo pusho ea gague e leñ pusho e e sa khutleñ, mi bogosi yoa gague bo mo tsikatsikeñ:


Mi a neoa pusho, le tlotlego, le bogosi, gore bathu botle, le merahe, le lipuo, ba mo rihele: pusho ea gague ki pusho e e sa khutleñ, e e si kitlañ e heta, mi bogosi yoa gague ga bo kitla bo señoa.


Mi bogosi le pusho, le bogolu yoa bogosi kua tlatse ga legorimo yeotle, bo tla neoa bathu ba baitsephi ba Mogorimorimo, eo bogosi yoa gague ki bogosi yo bo sa khutleñ, mi lipusho cotle li tla mo rihela li mo akela.


Leha gontse yalo, palo ea bana ba Yeserela e tla na yaka moshaua oa leoatle, o o sa kakeñ oa lekañoa, khotsa go baloa: mi go tla rihala mo heloñ ha go reoañ go bona gona, Ga lo bathu ba me, go tla reoa ga bona gona, Lo bana ba Morimo o o tserileñ.


Mi go tla rihala moñue le moñue eo o bitsañ leina ya ga Yehova o tla gololoa: ka gone go tla na bapheri mo thabeñ ea Tsiona le mo Yerusalema, yaka Yehova a buile; le ba ba setseñ ba Yehova o tla ba bitsañ.


Mi lo tla itse ha ki le Yehova Morimo oa lona; eo o nntseñ mo Tsiona, thaba ea me ea boitsepho; mi Yerusalema o tla na itsepho, mi baeñ ga ba kitla ba tlola ba ralala go ona.


Mi bagolori ba tla tlatlogela kua thabeñ ea Tsiona, go sekisa thaba tsa Esau; mi bogosi bo tla na yoa ga Yehova.


¶ Lona Bayakoba, ki tla phuthela rure botle ba lona; ki tla phuthela rure masalela a Bayeserela; ki tla a isa mogo yaka liñku tsa Botsera, yaka lecomane gare ga bohulo yoa yeona: a tla tlapeisioa ka bontsi yoa bathu.


Mothobi o coeletse pele ga bona: ba thoba, mi ba tsena ka khoro, mi ba coa ka eona: khosi ea bona e coelela pele ga bona, le Yehova ha tlogoñ ea bona.


Ki gona o tla ba nelelañ e tsamaea motla o rihala, eo o tla tsalañ a tsale: ereha gona bana ba ga rague ba ba setseñ, ba tla boelañ go baneñ ba Yeserela.


¶ Morimo ki ohe o o cuanañ le uena, o o icuarelañ tsiamololo, o heta tlolo ea masalela a boshua yoa ona? Ga o tsegetse bogale yoa ona ka bosakhutleñ, gone o khatloa ki pelunomi.


Mi masalela a Bayeserela ga a kitla a simolola, le esiñ go bua maka: mi leme loa tsieco lo si kitla lo bonoa mo melomoñ ea aona: mi a tla hula a botha, mi ga go ope eo o tla a boitsañ.


Ki tla lo tlisa mo motleñ ouo, E, ki tla lo phutha mo motleñ ouo; E, ki tla lo riha leina le pako mo cabeñ cotle tsa lehatse, mogañ ki bosañ bocuaro yoa lona ha pele ga maitlo a cona, go bua Yehova.


Mi o tla laola mo tluñ ea Yakoba ka bosina bokhutlo; mi ga bogosi yoa gague ga bo kitla bo na le sekhutlo.


Mi moengele oa bo‐seven a rumisa; mi ga rihala koru tse ri kholu mo legorimoñ, li re, Magosi a lehatse yenu a rihegile magosi a Morena oa rona, le a ga Keresete oa gague; mi o tla laola yaka khosi ka bosina bokhutlo yotle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan