Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Leha moñue le moñue oa bathu botle a sepela ka leina ya morimo oa gague, mi rona, re tla sepela ka leina ya ga Yehova Morimo oa rona ka bosakhutleñ le ka bo sina bokhutlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Gonne morafe mongwe le mongwe o sepela mo leineng la modimo wa ona, mme rona re tla sepela mo leineng la Morena, Modimo wa rona, ka gale le ka bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Gonne batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlaa sepela, mongwe le mongwe ka leina la modimo wa gagwe, mme rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:5
19 Iomraidhean Croise  

MI yana eare cohalo ea ga Aberame e le linyaga li naente‐naen Yehova a iponatsa go Aberame, mi a mo raea, Kina Morimo Mothatietle; sepela ha pele ga me, mi u ne boitekanelo.


Leha gontse yalo, morahe moñue le moñue oa riha morimo oa ona, o o baea mo matluñ a mahelo a a gorimo, a Basamaria ba le ba a riha, morahe moñue le moñue mo motseñ oa ona o o nntseñ go ona.


Ba riha le ka yenu kaha mekhueñ ea eintla: ga ba boihe Yehova, mi ga ba rihe kaha litaeoñ, le kaha litsiamishoñ, le kaha molaoñ le taolo, tse Yehova o la a li laolela bana ba Yakobe, eo o mo sheleñ leina ya Yeserele:


Yana kia itse, Yehova o buluka motlori oa gague; o tla mo utlua mo legorimoñ ya gague ya boitsepho, ka thata ea puluko ea atla se se siameñ sa gague.


Gone Morimo o ki Morimo oa rona, ka bosina bokhutlo yotle; o tla na moshupatsela oa rona, le kua loshuñ.


Ki tla coelela mo thateñ ea ga Yehova Morena; ki tla bulela tsiamo ea gago, ea gago eosi.


Lona ba ntlu ea Yakoba, ntloñ, mi re sepele mo leseriñ ya Yehova.


Yehova, Morimo oa rona! barena ba le ba na le taolo go rona bogolu go uena: mi uena uesi, le leina ya gago, re tla le umaka.


E, Yehova, re gu lebeletse mo tseleñ tsa litsiamisho tsa gago, keleco ea meoea ea rona e le go leina ya gago, le khakologelo ea gago.


Mi ki tla riha kholagano e e sa khutleñ le bona, ha ki si kitla ki hapoga morago ga bona, go ba lemohatsa; mi ki tla tsenya poiho ea me mo peluñ tsa bona, gore ba si ’ntlogele.


Mi ki tla ba thatahatsa ka Yehova: mi ba tla sepela ka leina ya gague, go bua Yehova.


O o leseleritseñ bahaitene botle go tsamaea mo tseleñ tsa bona, mo metleñ e e hetileñ.


Ki gona lo akelañ koru ea ga Yehova Morimo oa lona, mi lo rihe taolo tsa gague, le litaeo tsa gague, tse ki li lo laolelañ ka yenu.


Ki gona, yaka lo cutse Keresete Yesu Morena, tsamaeañ mo go ena yalo;


Mi cotle tse lo li rihañ ka mahuhu khotsa tiho, rihañ cotle mo ineñ ya ga Yesu Morena, go itumelela Morimo le Rra ka ena.


Mi ha e le boshula mo maitloñ a lona go rihela Yehova, itseñkelañ ka yenu eo lo tla mo rihelañ; leha e le merimo e bo‐rra enu ba e rihetseñ kua boseyeñ yoa molapo, khotsa merimo ea Baamora, ba lo nntseñ mo hatsiñ ya bona: mi kaga me, le ba eintlu ea me, re tla rihela Yehova.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan