Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi o tla siamisa mo bathuñ bantsi, mi o tla sekisa merahe e mentsi e e khakala; mi ba tla thula caka tsa bona megoma, le marumo a bona go na lisekela: morahe ga o kitla o ekela morahe caka, mi ga ba kitla ba tlola ba ithuta tlabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 Mme o tla atlhola mo gare ga merafe e mentsi, a siamisetsa ditšhaba tse di thata go ya go fitlha kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, ba fetola marumo a bone disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le setšhaba se sengwe; ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tsa tlhabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:3
40 Iomraidhean Croise  

Lesañ; mi lo itse ha e le ’na Morimo; Ki tla gorisioa mo baeteniñ; Ki tla gorisioa mo lehatsiñ.


O khutlisa litlabano le kua khutloñ tsa lehatsi; o roba bora, o putla-ganya lerumo; licariota o li hisa ka molelo.


Lithaba li tla leretsa bathu kagisho, le lithabana ka tsiamo.


Basiami ba tla thunya mo malatsiñ a gague; mi go tla na kagisho e kholu, go tlo go tsamaee khueri e tlokahale.


Tloga u eme, Morimo, sekisa lehatsi; gone u tla rua merahe eotle.


Ha pele ga Yehova, gone oe tla, gone oe tla go sekisa lehatsi; o tla sekisa lehatsi ka tsiamo, le bathu ka boamarure yoa gague.


Ha pele ga Yehova, gone oe tla go sekisa lehatsi; o tla sekisa lehatsi ka tsiamo, le bathu ka tekano.


Mi o tla siamisa merahe, mi o tla sekisa bathu bantsi; mi ba tla thula caka tsa bona megoma, le marumo a bona go na lisekele: morahe moñue ga o kitla o ekela morahe o moñue caka, mi ga ba kitla ba tlola ba ithuta tlabano.


Ki gona bathu ba ba thata ba tla gu galaletsañ, motse oa merahe e e boitsegañ o tla gu boiha.


Tsiamo ea me e gauhe; puluko ea me ea coelela; mabogo a me a tla siamisa bathu; mahatse a leoatle a tla ’ntebelela, mi a tla shuluhela lecogo ya me.


Gone morahe le bogosi, yo bo ganañ go gu rihela, bo tla hela; E, merahe euo, e tla khakhabalerioa rure.


Phiri le kuana, li tla hula mogo, mi tau e tla ya motlaka yaka khomu: mi mbu o tla na liyo tsa noga. Ga li kitla li utluisa botluku, khotsa go senya, mo thabeñ eotle ea me ea boitsepho, go bua Yehova.


Totahalo ea pusho ea gague le kagisho, ga li kitla li na le bokhutlo, mo teroneñ ea ga Davide, le mo bogosiñ yoa gague, go bo tlomamisa, le go bo thatahatsa ka tsiamisho, le ka tsiamo ga yana le ka bosakhutleñ. Lehuha ya ga Yehova oa lintua le tla riha yalo.


Mi Morimo oa legorimo o tla emisa bogosi ka metla ea likhosi tseuo, yo bo si kitlañ bo señoa ka bosakhutleñ: mi bogosi yo ga bo kitla bo leselerioa bathuñ ba sele, bo tla thubaganya bo herisa magosi aotle auo, mi bo tla ema ka bosakhutleñ.


Mi ki tla ba rihela kholagano mo tsatsiñ yeuo le cona tse ri tserileñ tsa naga, le linunyane tsa legorimo, le tse ri gagabañ tsa mbu: mi ki tla roba bora, le caka, le tlabano mo lehatsiñ; mi ki tla ba latsa ka thagamo.


E, ki tla lo ipeelela ka boamarure: mi lo tla itse Yehova.


Ki tla phutha merahe eotle, mi ki tla e holosetsa mo mogorogoroñ oa ga Yehoshafate, mi ki tla sekisanya le eona gona kaga bathu ba me, le Bayeserela boshua yoa me, ba e ba halaleritseñ mo meraheñ, ea abalana hatse ya me.


Mi ki tla bushulosa ka bogale le bocarara mo meraheñ, e e si kañ ea akela.


¶ Mi Yehova o tla bolola, mi o tla tlabana le merahe euo, yaka a la a tlabana mo motleñ oa tlabano.


Go bua yalo Yehova oa lintua: Go tla nama go tla bathu le banni ba metse e le mentsi:


Mi ki tla khaola licariota mo Eferaima, le lipitse mo Yerusalema, mi mara a tlabano a tla khaoloa: mi e tla bua kagisho le merahe: mi pusho ea eona, e tla na go simolola ka leoatle leñue go ea kua leoatleñ ye leñue, le molapo go ea kua khutloñ tsa lehatse.


Gone o laotse tsatsi ye o tla atlolañ lehatse ka tsiamo mo go yeona, ka monona eo, o loa mo laolela mouo, mi o itsisitse botle rure ga mouo, ka o loa mo cosa mo bashuiñ.


Mi ka bona legorimo le buloa, mi bonañ, pitse e cueu; mi eo o e palameñ a birioa Boikanyo le Boamarure, mi oa atlola, le go riha tlabano, mo tsiamoñ.


Ba ba ganelañ le Yehova ba tla thubagañoa; o tla ba rumisetsa maru go coa kua legorimoñ: Yehova o tla siamisa khutlo tsa lehatsi; o tla naea khosi ea gague thata, mi o tla gorisa naka loa motlorioi oa gague.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan