Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi merahe mentsi e tla ea, e re, Tlañ re tlatlogeleñ go thabeñ ea ga Yehova, go tluñ ea Morimo oa Yakoba: gore o re rute tsela tsa ona, re sepele mo tselaneñ tsa ona: gone molao o tla coa Tsiona, le lehuku ya ga Yehova mo Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

2 Ditšhaba tse dintsi di tla tloga di re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa ga Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa mo Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Merafe e le mentsi e tlaa fitlha, e re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; o tlaa re ruta ditsela tsa one, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa one; gonne molao o tlaa tswa mo Sione, le lefoko la ga Jehofa mo Jerusalema.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:2
35 Iomraidhean Croise  

Yehova o tla roma thata ea tsamma ea gago, e coa Tsiona; busa ha gare ga baba ba gago.


GO tsegaharicoe ba ba tsamao ea tsiamo, ba ba tsamaeañ mo molaoñ oa ga Yehova.


Lipounama tsa me li tla bua pako; mogañ u sina ’nthuta litaeo tsa gago.


KI itumela mo go ba ba ’nthaeañ, ba re, Re tla ea kua tluñ ea ga Yehova.


Monona ki ohe eo o boihañ Yehova? o tla mo kaela mo tseleñ e o cuanetseñ go e itseñkela.


Mi bathu bantsi ba tla ea, ba re, Tlañ re tlatlogeleñ kua thabeñ ea ga Yehova, kua tluñ ea Morimo oa Yakoba; mi o tla re kaela tsela tsa ona, mi re sepeleñ mo tselaneñ tsa ona: gone molao o tla coa Tsiona, le lehuku ya ga Yehova mo Yerusalema.


Mi bana ba gago botle ba tla rutoa ki Yehova; mi kagisho ea bana ba gago e tla na kholu.


Ki tla ba tlisa go thabeñ ea me ea boitsepho, ki ba itumerisa mo tluñ ea me ea thapelo: litlabelo tsa phisho tsa bona, le litlabelo tsa bona, li tla nateheloa mo aletareñ ea me; gone ntlu ea me e tla birioa ntlu ea thapelo ea bathu botle.


Gone motla o tla na, baleberi ba ba mo thabeñ tsa Eferaima ba tla bitsa ka ona, Nanogañ, a re eeñ Tsiona, go Yehova Morimo oa rona.


Gore Yehova Morimo oa gago a re kaele tsela e re ka eañ ka eona, le se re ka se rihañ.


Ereha gona re tla itseñ, re tla khonatela go itse Yehova: boco yoa gague bo itletsegile yaka phepahalo, mi o tla tla go rona yaka pula, yaka pula ea khogolamoko e e nosañ lehatse.


¶ Mi go tla rihala, botle ba ba setseñ ba merahe eotle, ba ba bololelañ Yerusalema, ba tla ea Yerusalema ka ñuaga ñuaga go obamela khosi, Yehova oa lintua, le go riha meletlo oa liobo.


Mi merahe e mentsi e tla kopana le Yehova mo motleñ ouo, mi e tla na bathu ba me: mi ki tla nna gare ga gago, mi u tla itse ha Yehova oa lintua a ’nthometse go uena.


Mi ki tla khaola licariota mo Eferaima, le lipitse mo Yerusalema, mi mara a tlabano a tla khaoloa: mi e tla bua kagisho le merahe: mi pusho ea eona, e tla na go simolola ka leoatle leñue go ea kua leoatleñ ye leñue, le molapo go ea kua khutloñ tsa lehatse.


Mi ka ba coa ba rera mo ntleñ cotle; mi Morena a riha nabo, a tlomamisa lehuku ka ntla ea licupo tse ri le latelañ. Amena.


Gore tlabologo, le go icuarela libe go reroe mo ineñ ya gague, mo cabeñ cotle, go simolola ka Yerusalema.


Go kuariloe mo baperofetiñ, Ba tla rutoa ki Morimo botle. Moñue le moñue eo o utluañ, le eo o rutiloeñ ki Rra, o tla go ’na.


Leha e le mañmañ eo o ratañ go riha thato ea gague, o tla itse ga thuto, ha e le ea Morimo, leha ki bua ga me.


Mi lo tla bona thata ea Moea oa Boitsepho e e tla tlañ go lona. Mi lo tla na bashupi ba me mo Yerusalema, lo mo Yuda yeotle, le mo Samaria, le kua khutloñ ea lehatse.


Mi ka Bayuda ba sina coa mo senagogeñ, bahaitene ba rapela gore ba rereloe mahuku a ka sabata o o tlañ.


Ka licupo tse ri thata, le likhakamaco, le ka thata ea Moea oa Morimo; ka tsamaea ka rera ka botlalo evangelio ea ga Keresete, ka simolola ka Yerusalema, le go ntleñ cotle tsa ona, le kua Iliriko.


MI tse, ki cona litaolo, le litaeo, le litsiamisho, tse Yehova Morimo oa lona, o li lo laoletseñ go lo ruta, gore lo li rihe mo hatsiñ ye lo le khabaganyetsañ go le rua:


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan