Mike 4:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 MI go tla rihala ka metla ea bohelo, thaba ea ntlu ea ga Yehova e tla tlomamisioa mo tloreñ tsa lithaba, mi e tla gorisioa gorimo ga lithabana; mi bathu ba tla elelela go eona. Faic an caibideilSetswana 19701 E tla re mo malatsing a bofelo, thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; mme merafe e tla phuthegela kwa go yona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone. Faic an caibideil |
Lehatsi yeotle ye, le tla hetoloa yaka sekaka, go simolola ka Geba go ea Rimona o o mo ntleñ ea Souta ea Yerusalema: mi o tla gorisioa, mi o tla nnoa mo heloñ ga ona, go simolola ka khoro ea Benyamina go ea kua heloñ ga khoro ea ntla, le kua khoroñ ea khokhoco, le kua turioñ ea Hananile go ea liribeleco tsa boyaloa tsa khosi.
Mi ka bona lirulo tsa bogosi, mi ba rutse mo go cona, mi ba neiloe katlolo; mi ka bona meoea ea ba ba khaocoeñ litlogo ka ntla ea cupo ea ga Yesu, le ka lehuku ya Morimo, ba ba le ba sa obamele se se tserileñ, le esiñ secuanco sa shona, le ba ba sa cuoaioeñ locuao mo phatleñ tsa bona, khotsa mo atleñ tsa bona; mi ba tsela, mi ba laola yaka likhosi le Keresete ka linyaga li le thousanda.