Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 ¶ Go bua Yehova yalo kaga baperofeti ba ba timetsañ bathu ba me, ba ba lomañ ka meno a bona, mi ba bitsa, ba re, Kagisho: mi eo o sa tsenyeñ melomo ea bona, ba makanyetsa tlabano:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 “Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Jehofa o bua jaana ka ga baperofeti ba ba timetsang batho ba me; ba ba lomang ka meno mme ba kue, ba re: “Kagiso,” mme yo o sa tsenyeng sepe mo ganong la bone, ba mmaakanyetse ntwa fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:5
25 Iomraidhean Croise  

Ga go molemo go gobela bathu: gone monona o tla tlola ka kabetla ea señkhue.


Kaga bathu ba me, bana ki bapatiki ba bona, mi basari ba ba busa. Lona bathu ba me, bagogi ba lona ba lo timetsa, ba ’mmetsa tsela ea baeti ba lona.


Ba ba gopolañ go lebatsa bathu ba me leina ya me ka litoro tsa bona tse ba li kakanyetsanyañ, yaka bo‐rabo ba lebetse leina ya me ka Baale.


Bonañ, ki emelelanye le bona ba ba perofesañ litoro tsa kako, go bua Yehova, mi ba li kakanya, ba timetsa bathu ba me ka maaka a bona, le ka bokaka yoa bona; gone ga kia ka ka ba roma, le esiñ go ba laola; ki gona ga ba kitla ba lemohalela bathu ba ka gope, go bua Yehova.


Gone ba horisa thubego ea moroaria bathu ba me ka khometho, ba re, Kagisho, kagisho; ka kagisho e sieo.


Makanyetsañ tlabano; nanogañ, mi a re bololeñ motsegare. Go latlega rona! gone tsatsi ya menoga, gone meroti ea matsiboea e leleharioa.


Baperofeti ba gago ba gu bonela lilo tsa boithamako le boatla, mi ga ba ka ba bonatsa tsiamololo ea gago, go bosa bocuaro yoa gago; mi ba gu bonela mebelego ea boithamako, le litelekisho.


Mi atla sa me se tla na mo baperofetiñ ba ba bonañ boithamako, le boitseyoanape yoa kako: ga ba kitla ba na mo khakololoñ ea bathu ba me, le esiñ go kualoa mo kualoñ loa ba ntlu ea Yeserela, le esiñ go tsena mo lehatsiñ ya Bayeserela; mi lo tla itse ha ki le Yehova Morena.


Ki gona lo tla oañ ka motsegare, le ena moperofeti o tla oa le lona ka bosigo, mi ki tla senya ma lona.


¶ Küa se mo meraheñ: Bakanyañ tlabano, cosañ ligañka, a batlabani ba atamele; ba tle botle:


Ha moñue a sepela ka moea oa tsieco a aka, a re, Ki tla lo perofeseletsa boyaloa le boyaloa yo bo thata; eo ki moperofeti oa bathu ba.


Tlogotlogo tsa bona li siamisa ka litheleseco, le baperiseti ba bona ba rutela tuelo, mi baperofeti ba bona ba rihela mari boitseyoanape: leha gontse yalo ba ikaega Yehova, ba re, A Yehova a ga a mo go rona? boshula ga bo kitla bo re hitlela.


Mi lona lo hapogile tsela; lo kho-khoeritse bontsi mo molaoñ: lo borisitse kholagano ea ga Leve, go bua Yehova oa lintua.


Ba leseñ, ki lihohu tse ri gogañ lihohu; mi ha sehohu se goga sehohu, li tla oela mogo mo loñopeñ.


¶ Lo itise mo baperofetiñ ba tsieco, ba ba tlañ go lona mo aparoñ tsa liñku, mi bauo ki liphiri tse ri gagolañ mo teñ.


Gone ba bantseñ yalo ga ba rihela Yesu Keresete Morena oa rona, mi ba rihela mpa tsa bona; mi ba timetsa pelu tsa ba ba pelunomi ka puo tse liñtle, le lipakisho.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan