Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Ba lo yañ nama ea bathu ba me, le go ba bua matlalo a bona: ba lo robañ marapo a bona, lo a khaoganya yaka mo pitseñ, yaka nama mo kalederoneñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

3 lona ba lo jeleng nama ya morafe wa me, lo ba apotse letlalo; lo ba robile marapo, lo a kgabetletse jaaka e kete a lokelwa mo pitseng, le jaaka nama fa e lokelwa mo pitseng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 ba ba bileng ba ja nama ya batho ba me, mme ba ba tswatolotsa letlalo, ba ba roba marapo; ee, ba ba remaganya, jaaka e kete go tsenngwa mo pitseng, le jaaka nama e e mo teng ga pitsa e tona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:3
11 Iomraidhean Croise  

A basiamolori botle ga ba na kico? ba ba yañ ba uetsa bathu ba me, yaka ba ya señkhua, ga ba bitse Yehova.


Erile balibe, le baganetsi ba me, le baba ba me, ba ntlela, go ya nama ea me, ba khopiloe, ba oa.


Kokomana ea bathu eeo, meno a eona ki licaka, mi meno a litlaea tsa eona ki lithipa go nyeletsa bahumanegi mo hatsiñ le batloki mo bathuñ.


Yehova o la a tsena mo tsekishoñ le bagolu ba bathu ba gague, le likhosana tsa bona: gone lo nyeleritse tsimo ea movina; thopo ea bahumanegi e mo matluñ a lona.


Eñ go lona ka lo gataka bathu ba me, le go sila lihatlogo tsa bahumanegi? go bua Morena, Yehova oa lintua.


Ba ba reñ, Ga go gauhe, a re ageñ matlu: motse o ki pitsa, mi rona re nama.


Phuthelañ go eona makhabetlela a eona, makhabetlela a molemo aotle, e tlatseñ ka serope, le lecogo, eboñ ka marapo a a itseñkecoeñ:


¶ Utluañ ye, lona ba lo ’mmetsañ batloki, le go nyeletsa bahumanegi ba lehatse,


Mi bathu ba me ga ba bolo coga yaka maba: lo apola aparo le robe go bona ba ba hetañ ka iketlo, ba ba boileñ mo tlabanoñ.


Khosana tsa ona, tse ri teñ ga ona, ki litau tse ri rumañ; basiamisi ba ona ki liphiri tsa lotlatlana; ga li garube marapo mo moshoñ.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan