Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Basari ba bathu ba me lo ba leleka mo matluñ a a natehañ a bona; lo tlosa khalalelo ea me go bana ba bona ka bosakhutleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

9 Basadi ba morafe wa me lo ba lelekile mo malapeng a ba a ratang; mokgabo o ke o fileng bana ba bone lo o ba amogile ka bosakhutleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Basadi ba batho ba me lo ba leleka mo matlong a mantle a bone; lo tlosetsa ruri kgalalelo ya me mo banyaneng ba bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:9
14 Iomraidhean Croise  

Mi go bakoe leina ya khalalelo ya gague ka bosina bokhutlo; mi a hatsi yeotle le tlale ka khalalelo ea gague; Amena, le Amena.


Tenta ea me e sencoe, mi linti tsa me li khaocoe cotle: bana ba me ba tlogile go ’na, mi ga baeo: mi ga go tlole go na le ope eo o tsarololañ tenta ea me, le go pega lilepelelo tsa me.


Mi ki tla baea khalalelo ea me mo bahaiteneñ, mi bahaitene botle ba tla bona tsekisho ea me e ki e rihileñ, le seatla sa me se ki se beileñ go bona.


Mi bana ba Yuda le bana ba Yerusalema, lo ba baparitse go bomoroa Bagerika, gore lo ba tlosetse khakala mo moleloaneñ oa bona.


Ba gatisa tlogo ea mohumanegi mo roleñ loa mbu, ba haposa tsela ea bakatalari: mi monona le rague ba tsena go moroetsana moñue, go tsepholola leina ya me ya boitsepho:


Mi ba eletsa maota, ba a tukutha, le matlu, mi ba a tlosa: mi ba patika monona le ba ntlu ea gague, E, monona le boshua yoa gague.


Gone lehatse le tla tlarioa kico ea khalalelo ea ga Yehova, yaka metse a khurumetsa leoatle.


Mi go bua Yehova, ki tla na lorako loa molelo tikologoñ ea ona, mi ki tla na khalalelo gare ga ona.


¶ Go latlega lona, bakuari le Bafarisai, baitimokanyi; gone lo cualela bathu bogosi yoa magorimo; gone lo sa tsene, mi ba ba tsenañ lo sa ba lese go tsena.


Ba ba metsañ matlu a batlolagari, le go riha merapelo e melele, go na seipato; bauo ba tla bona tsekisho e kholu bogolu.


Ba ba ’mmetsañ matlu a batlolagari, mi ba riha merapelo e melele go na seipato. Ba, ba tla bona tsekisho e kholu bogolu.


Mi rotle ka re bona khalalelo ea Morena ka lihatlogo tse ri sirolocoeñ, yaka ekete mo seiponiñ, re hetoleloa cuanoñ e, e e coañ khalaleloñ go ea khalaleloñ, yaka ka Moea oa Morena.


Gone Morimo o o rileñ leseri le phatsime mo hihiñ, ki ona o o phatsimileñ mo peruñ tsa rona, go naea leseri ya kico ea khalalelo ea Morimo mo hatlogoñ sa ga Yesu Keresete.


Mi yana khosi morena oa me, a ko u utlue mahuku a motlañka oa gago. Ha Yehova a gu ’ntlotleleletsa, a a eñke cupelo ea liyo: mi ha e le bana ba bathu a ba rogoe ha pele ga Yehova; gone ba ’ntelekile ka yenu, gore ki si ñaparele boshua yoa ga Yehova, ba re, Ea, u rihele merimo e sele.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan