Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:12 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 ¶ Lona Bayakoba, ki tla phuthela rure botle ba lona; ki tla phuthela rure masalela a Bayeserela; ki tla a isa mogo yaka liñku tsa Botsera, yaka lecomane gare ga bohulo yoa yeona: a tla tlapeisioa ka bontsi yoa bathu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

12 “Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 “Wena Jakobe, ruri ke tlaa go phutha gotlhe fela; ruri ke tlaa phutha masalela a Iseraele, ke tlaa ba baya mmogo jaaka dinku tsa Bosera, jaaka letsomane mo gare ga bohulo jwa lone, ba tlaa tsosa modumo o mogolo ka ntlha ya bontsi jwa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:12
28 Iomraidhean Croise  

Mi Bele a shua, mi Yobabe moroa Sere oa Botsera a busa bonnoñ yoa gague.


Mi Bele a shua, mi Yobabe moroa Sere oa Botsera a busa boemoñ yoa gague.


Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, Morena o tla otlolola atla sa gague ka loa bo‐tu go ntsa masalela a bathu ba gague, ba ba setseñ kua Asia, le kua Egepeto, le kua Paterosa, le kua Kusha, le kua Elama, le kua Shenara, le kua Hama, le kua mahatseñ a leotle.


¶ Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, Yehova o tla goba louñuo, go simolola ka kelelo ea molapo, go ea kua molapoñ oa Egepeto; mi moñue le moñue oa lona o tla nopoloa, lona bomoroa Yeserela.


Caka ea ga Yehova e tletse mari, e tlamuketse mahura, le mari a likuana le a lipori, le matlanama a lipheleu: gone Yehova o na le setlabelo kua Botsera, le khailo e kholu mo hatsiñ ya Edoma.


Likuana li tla hula kaha polocoñ ea cona, mi baeñ ba tla ya maota a a khakhabetseñ a ba ba nonneñ.


Mi ki tla phutha masalela a liñku tsa me mo mahatsiñ aotle kua ki a leleketseñ gona, mi ki tla a bosetsa go marakaneñ a aona; mi a tla ata a ntsihala.


Ba ntlu ea Yuda ba tla ea le ba ntlu ea Yeserela mo malatsiñ auo, mi ba tla tla go hatsiñ ye ki le neileñ bo‐rra enu boshua, ba coa mogo mo hatsiñ ya Noreta.


Gone go bua yalo Yehova Morena: Bonañ, ’na, ki tla tlotlomisa lecomane ya me, ki le batla.


Mi ki tla le ntsa mo bathuñ, ki le phutha mo mahatsiñ, mi ki tla le isa kua hatsiñ ya yeona, ki le hurisa mo lithabeñ tsa Bayeserela, ha melapoñ, le mo maheloñ a a nncoeñ aotle a lehatse.


Ki gona ki tla gololañ lecomane ya me, mi ga le kitla le tlola le na khapo; mi ki tla siamisa gare ga lihutsane le lihutsane.


Gone lona lecomane ya me, lecomane ya bohulo yoa me, e le bathu, mi ki Morimo oa lona, go bua Yehova Morena.


Go bua yalo Yehova Morena: Ki tla nama ki tla lopeloa se, ki ba ntlu ea Yeserela, gore ki se ba rihele; ki tla ba intsihaletsa bathu yaka lecomane.


Mi u ba ree, Go bua yalo Yehova Morena: Bonañ, ki tla tsaea bana ba Yeserela mo bahaiteneñ, kua ba ileñ gona, ki ba phutha tikologoñ, ki ba tlisa kua hatsiñ ya bona:


Ereha gona bana ba Yuda, le bana ba Yeserela ba tla phuthoañ mogo; mi ba tla itaolela tlogo ñue hela, mi ba tla huruga ba coa mo hatsiñ ye: gone tsatsi ya Yisereela le tla na legolu.


Mi ki tla romela molelo kua Temana, o o tla nyeletsañ lipaliso tsa Botsera.


Mothobi o coeletse pele ga bona: ba thoba, mi ba tsena ka khoro, mi ba coa ka eona: khosi ea bona e coelela pele ga bona, le Yehova ha tlogoñ ea bona.


Mi uena, turio ea lecomane, uena, thabana ea moroaria Tsiona, go tla tla go uena, E, go tla tla pusho ea ntla; bogosi yoa moroaria Yerusalema.


Mi masalela a Bayakoba a tla na gare ga bathu bantsi, yaka monyo o o coañ mogo Yehova, yaka merupe mo morogoñ, e e sa leteñ mothu, le esiñ go riegela bana ba bathu.


E, masalela a Bayakoba a tla na mo meraheñ gare ga bathu bantsi, yaka tau mo pholoholoñ tsa sekhua, yaka tauana mo macomaneñ a liñku: e ha e ralala, e gataka, e gagola, mi ga go ope eo o gololañ.


¶ Hurisa bathu ba gago ka khoge ea gago, lecomane ya boshua yoa gago, ba ba nntseñ bosi mo sekhueñ, gare ga Karemela: a ba hule kua Bashana le Gileada, yaka mo metleñ ea bogolugolu.


¶ Morimo ki ohe o o cuanañ le uena, o o icuarelañ tsiamololo, o heta tlolo ea masalela a boshua yoa ona? Ga o tsegetse bogale yoa ona ka bosakhutleñ, gone o khatloa ki pelunomi.


Ki tla lo tlisa mo motleñ ouo, E, ki tla lo phutha mo motleñ ouo; E, ki tla lo riha leina le pako mo cabeñ cotle tsa lehatse, mogañ ki bosañ bocuaro yoa lona ha pele ga maitlo a cona, go bua Yehova.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan