Mike 1:7 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)
7 Mi licuanco tse ri setiloeñ tsa ona cotle li tla thubagañoa, mi tuelo cotle tsa ona li tla hisioa ka molelo, mi licuanco tsa merimo cotle tsa ona ki tla li senya: gona oa li phutha ka tuelo ea seaka, mi li tla boela mo tueloñ ea seaka.
7 Medimo ya diseto yotlhe ya teng e tla thubaganngwa; dituelo tsotlhe tsa boaka tsa teng di tla fisiwa ka molelo; medimo yotlhe ya ditshwantsho ya teng ke tla e senya; gonne o di phuthile e le tuelo ya seaka, di tla ba di fetoga tuelo ya seaka gape.”
7 Le ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe tse di setilweng di tlaa thubaganngwa, le dituelo tsotlhe tsa gagwe di tlaa fisiwa ka molelo, le medimo ya gagwe ya disetwa, ke tlaa di swafatsa tsotlhe fela; gonne o di phuthile ka tuelo ya seaka, mme di tlaa boela mo tuelong ya seaka.
MI cotle tse li sina uerioa, Bayeserela ba ba bonoañ botle ba ea kua metseñ ea Yuda, ba thubaganya licuanco tse ri thokhameñ, ba rema likhuana, ba rutla mahelo a a gorimo le lialetara mo Yudeñ le Benyamina, le mo Eferaima le Manasa eotle, ea tsamaea ba herisa cotle. Ereha gona bana ba Yeserele botle ba boeañ, moñue le moñue, a ea kua boshueñ yoa gague, kua metseñ ea bona.
¶ Gone go tla rihala mo bokhutloñ yoa nyaga li sevente, Yehova o tla lekola Tsura; mi Tsura o tla boela tueloñ ea ona, o tla akahala le magosi aotle a lehatse, mo hatsiñ yeotle.
Ki gona tsiamololo ea Bayakoba e tla ruañoañ ka mouo; mi lo ki louñuo lotle loa go tlosa libe tsa bona; mogañ o rihañ maye a aletara, yaka manyaphiri a a thubagancoeñ; le licuanco tsa Arasetarete, le licuanco tsa letsatsi, ga li kitla li coga.
Metse ea manno a lona aotle e tla khakhabarioa, le mahelo a a gorimo a tla ropeharioa; gore lialetara tsa lona li khakhabarioe li señoe, le licuanco tsa merimo tsa lona li thuyoe li khutle, le licuanco tsa lona tsa letsatsi li reñoe, le litiho tsa lona li señoe.
Mi ki tla senya movina oa gague le mofeige oa gague, e o reñ ga eona, Euo ki tuelo e barati ba me ba e ’nneileñ: mi ki tla e riha sekhua, mi tse ri tserileñ tsa naga li tla e nyeletsa.
Gone mabo a akahetse: ena eo o ba ithueleñ a tlabisa litloñ: gone a re, Ki tla latela barati ba me, ba ba ’nnaeañ liyo tsa me, le metse a me, le boboea yoa me yoa ñku, le felase ea me, le loukuane loa me, le boyaloa yoa me.
Mi ki tla senya mahelo a lona a gorimo, ki rema licuanco tsa lona tsa letsatsi, mi ki tla latlela lirepa tsa lona mo repeñ tsa licuanco tsa merimo tsa lona, mi moea oa me o tla tenoa ki lona.
Mi ka tsaea seleo sa lona, eboñ namane e lo lo e rihile, ka e hisa ka molelo, ka e thuga, ka e sila ka e nota, ea tsamaea ea notega yaka lorole: mi ka latlela lorole loa eona mo molacoaneñ o o elañ o coa mo thabeñ.
Ka merahe eotle e nole boyaloa yoa bogale yoa khokahalo ea ona, le likhosi tsa lehatse li gokahetse nao, le bareki ba lehatse ba humisicoe ki bogolu yoa tse liñtle tsa ona.
Mi erile ba phakela mo moshoñ, bonañ, Dagone a oetse ha hatsi ka hatlogo sa gague ha pele ga areke ea Yehova; mi tlogo ea Dagone le liatla tsa gague li tu tsa khaogela ha seri-pureñ; Dagone a sala a le komota.