Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ki gona ki tla rihañ Samaria mokoa oa naga, le litlomo tsa tsimo ea movina: mi ki tla khakolosetsa maye a ona mo mogorogoroñ, ki senosa metheo ea ona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 “Ka moo ke tla dira Samaria marope a naga le tshimo fa ditlhare tsa moweine di tlhongwang teng; ke kgokolosetsa mafika a teng kwa leboeng, ke senola metheo ya teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Ke gone ka moo ke tlaa dirang Samaria go nna jaaka mokoa mo nageng, le jaaka matlhomelo a tshimo ya mafine, maje a one ke tlaa a goromeletsa mo molapong, ke senola metheo ya one.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:6
19 Iomraidhean Croise  

Mi ha a tsenye mo motseñ, ereha gona Bayeserela botle ba tla isañ linti kua motseñ ouo, mi re tla o gogela kua molacoaneñ, e tsamaea lein-cuana le leñue le si kitla le bonoa gona.


Mi ba o thopa mo khutloñ sa nyaga li teri: E, Samaria o lo oa thopioa ka ñuaga oa bo‐sekes oa ga Hisikie, o e leñ ñuaga oa bo‐naene oa ga Hoshee khosi ea Bayeserela.


¶ Mi ga rihala Shalemanesere khosi ea Asiria a bololela Samaria, a o tlaolelela, ka ñuaga oa bo‐for oa Hisikie khosi, o e leñ ñuaga oa bo‐seven oa Hoshee moroa Ele khosi ea Bayeserela.


A ga ua ka ua utlua, ha ki sibolo bakanya seuo, ka se thaea mo metleñ ea bogolugolu? mi yana kia se rihahatsa, ha u ko u hetola metse e e hemecoeñ mekoa ea lirobego.


PEROFESHO kaga Damaseka. Bonañ, Damaseka o tla tlosioa, gore o si ne motse; mi o tla na mokoa oa lirobego.


Mi o tla latsa phemelo tse ri gorimo tsa lithako tsa lona, a li holosetsa kua tlatse, a li rigela ha hatse, le mo loroleñ.


Gone u rihile motse mokoa; le motse o o hemecoeñ go na thubego; le paliso ea baeñ, gore e si tlole e na motse; ga o kitla o tlola o bo o agoa.


U tla ba u tloma mevina mo thabeñ tsa Samaria: batlomi ba tla tloma ba ya.


Bona, uena thaba ea tsenyo e e senyañ lehatse yeotle, ki emalanye nau, go bua Yehova: mi ki tla gu otlololela atla sa me, ki gu hirikolola mo mahikeñ, ki gu riha thaba e e hisicoeñ.


Mi Babelona o tla na mekoa, le bonno yoa liphukuye, le khakhamaco, le koco, o sina monni.


Mi ki tla riha Yerusalema mekoa, eboñ moñobo oa liphukuye; mi ki tla riha metse ea Yuda tsenyego, e e sinañ monni.


ANA gouda e khone yañ! gouda e e itsekileñ e hetogile yañ! maye a a itsephileñ a rigecoe libaeñ tsa mebila eotle.


Yalo ki tla rutla lomota lo lo lo bategileñ ka sebatego se se sa ruyoeñ, ki lo holosetsa mo mbuñ, mi motheo oa lona o tla bipololoa, motse o tla oa yalo, mi lo tla nyelela mo go ona: mi lo tla itse ha ki le Yehova.


Basamaria ba tla señoa; gone ba cuuloletse Morimo oa bona: ba tla oa ka caka: banyana ba bona ba tla phatlakañoa, mi basari ba bona ba ba ithueleñ ba tla roposioa.


Ere ka lo gatisa mohumanegi, mi lo tsaea go ena lekhetho ya mabele: leha lo agile matlu ka maye a a betliloeñ, ga lo kitla lo nna go aona; leha lo tlomile masimo a mevina a a eletsegañ, ga lo kitla lo noa boyaloa yoa aona.


¶ Yehova Morena o ikane ka ena, go bua Yehova Morimo oa lintua, ki khaphahatsa khalalelo ea Bayakoba, ki ila lipaliso tsa bona: ki gona ki tla nelelañ motse, le cotle tse ri go ona.


Ki gona Tsiona o tla lo lemeloañ yaka leota, mi Yerusalema o tla na mekoa, le thaba ea ntlu e tla na yaka mahelo a a gorimo a sekhua.


U lu ua bololela khololo ea bathu ba gago, khololo ea motlorioi oa gago; u lu ua thubaganya tlogo ea ntlu ea moikepi, ka go bipolola metheo le kua thamoñ. Sela.


Mi Yesu a ba raea, A ga lo bone cotle tse? Amarure kia lo raea, Ga go kitla go lesioa ha, leincue leñue mo go ye leñue, ye le si kitlañ le rigoa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan