Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Cotle tse, ki ka tlolo ea Bayakoba, le ka maleo a ba ntlu ea Yeserela. Tlolo ea Bayakoba ki ehe? a ga si Samaria? Mahelo a a gorimo a Bayuda ki ahe? a ga si Yerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

5 Tsotlhe tse, di tla ka ntlha ya boikepo jwa Jakobe le ka ntlha ya maleo a Baiseraele. Ke mang yo o leofisitseng Jakobe? A ga se Samaria? Dithota tsa tlhabelo tsa Juta di tswa kae? A ga di tswe kwa Jerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Tsotlhe tse ke ka ntlha ya tlolo ya ga Jakobe, le ka ntlha ya maleo a ba ntlo ya Iseraele. Tlolo ya ga Jakobe ke eng? A ga se Samaria? Mafelo a a tlotlometseng a ga Juta ke afe? A ga se Jerusalema?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:5
30 Iomraidhean Croise  

Hoñ Solomone a agela Kemoshe, moila oa Bamoaba, mo thabeñ e e lebaganyeñ le Yerusalema, le go Moleke, moila oa bana ba Amone mahelo a a gorimo.


Gone lehuku ye o la a le biletsa go aletara e e kua Beta‐ela, le matlu aotle a mahelo a a gorimo a a mo metseñ ea Samaria ka lehuku ya Yehova le tla rihala rure.


Mi a reka thaba ea Samaria go Samare ka litalenta li tu tsa selevera, mi a aga mo thabeñ, a sha leina ya motse o o la a o aga Samaria, kaha leineñ ya Samare muñ oa thaba.


¶ Gone a simolola go batla Morimo oa Davide rague ka ñuaga oa bo‐eit oa pusho ea gague, ka a sa le lekau: mi a simolola ka ñuaga oa bo‐tuelve go itsekisetsa Yuda le Yerusalema mahelo a a gorimo, le likhuana, le licuanco tse ri setiloeñ, le licuanco tse ri thecoeñ.


Mi ba rutla lialetara tsa Bobaala ha pele ga gague; le licuanco tsa letsatsi tse ri li le gorimo ga cona, a li khaola; le likhuana, le licuanco tse ri setiloeñ, le licuanco tse ri thecoeñ, a li thuba, a li nota, a li kubuela mo liphupuñ tsa bona ba ba le ba li tlabela.


Mi le gona Samaria o tla na tlogo ea Baeferaima, le moroa Remalie tlogo ea Samaria. Ha lo gana go rumela, rure ga lo kitla lo tlomamisioa.


A ga loa itihela yalo, ka lo latlile Yehova Morimo oa lona yale ka a lo goga mo tseleñ?


Boshula yoa lona bo tla lo oatlaea, le litenego tsa lona li tla lo buela: ki gona itseñ, lo bone, ha tatlo ea lona ea Yehova Morimo oa lona, ki se se boshula le se se galakañ, le ka poiho ea me e sieo go lona, go bua Morena Yehova oa lintua.


Mi ki le ka bona boatla mo baperofetiñ ba Samaria; ba perofesa ka Baale, mi ba timetsa Bayeserela bathu ba me.


Mi ki bonye mathamo mo baperofetiñ ba Yerusalema: ba gokahala, ba sepela ka kako: mi ba thatahatsa liatla tsa bashulatsi, mi go si ope eo o boeañ mo boshuleñ yoa gague: ba cuana le Sodoma botle go ’na, le banni ba ona yaka Gomora.


Tsela tsa gago le litiho tsa gago li gu rihetse tseuo: boshula yo ki yoa gago, bo galakegile, gone bo amile pelu ea gago.


¶ Litsiamololo tsa lona li hapositse tseuo, mi maleo a lona a thibile molemo go lona.


Lehatse, utlua: bona, ki tla leretsa bathu ba boshula, eboñ louñuo loa megopolo ea bona, gone ga ba ka ba tlokomela mahuku a me, le molao oa me ba o latlile.


Kerone mo tlogoñ tsa rona e ole: go latlega rona, gone re leohile!


Khantsariu eo mogolu e le le Samaria, ena le bomoroarie ba ba le ba nntse ha atleñ sa gago sa molema: mi khantsariu eo o motlana go uena eo o la a nna ha atleñ sa gago se se siameñ e le le Sodoma le bomoroarie.


ERILE ki horisa Bayeserela, tsiamologo ea Baeferaima ea bipologa, le mashula a Basamaria: gone ba le ba tsietsa; mi legoru ya tsena, mi leshomo ya phagelela kua ntle.


GO latlega ba ba iketlileñ mo Tsiona, ba ba thagameñ mo thabeñ ea Samaria, ba ba ntla ba merahe ba, ba ntlu ea Yeserela ba tlañ go bona!


Mi mahelo a a gorimo a Yitsaka a tla señoa, mi mahelo a boitsepho a Bayeserela a tla khakhabarioa; mi ki tla cogela ba ntlu ea ga Yeroboame ka caka.


A a ikanañ ka seleo sa Samaria, a re, Ka tselo yoa Morimo oa gago, Dana; le Ka tselo yoa mokhua oa Bere‐sheba; a tla oa, mi ga a kitla a tlola a coga.


Monni oa Lakisha, golega cariota pitseñ e e harimañ: o la a le tsimologo ea boleo yoa moroaria Tsiona: gone litlolo tsa Bayeserela tsa bonoa go uena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan