Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 LEHUKU ya ga Yehova ye le ya rihahalela Mike oa Morasheta ka metla ea ga Yotame, le Ahase, le Yehisikie, likhosi tsa Yuda; ye o le bonyeñ kaga Samaria le Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Miga wa kwa Morešethe mo malatsing a ga Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, la tse o di bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Mika wa Morašete, mo metlheng ya ga Jothame, Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta, e le lefoko le o le bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:1
27 Iomraidhean Croise  

¶ Yotame moroa Usie khosi ea Yuda a simolola go busa ka ñuaga oa bo‐tu oa Peke moroa Remalie khosi ea Bayeserela.


¶ Mi Yehova a daea khosi, mi ea na moleperoi le go ea go tsatsiñ ya loshu loa eona, mi ea nna mo tluñ e sele. Mi Yotame moroa khosi a laola eintlu, a siamisa bathu ba lehatsi.


AHASE moroa Yotame khosi ea Yuda a simolola go busa ka ñuaga oa bo‐seveñten oa Peke moroa Remalie.


MI ga rihala Hisikie moroa Ahase khosi ea Yuda a simolola go busa ka ñuaga oa bo‐teri oa Hoshee moroa Ele khosi ea Bayeserela.


AHASE a simolola go busa ka a le oa nyaga li tuente, mi a busa mo Yerusalema ka nyaga li sekesten: mi a si ka a thokhamisa mo maitloñ a ga Yehova yaka Davide rague:


YEHISIKIE a simolola go busa ka a le oa nyaga li tuente faeve, mi a busa mo Yerusalema ka nyaga li tuente naen. Mi leina ya mague e le le Abiye, moroaria Sekarie.


SEBONOA sa ga Yesaye, moroa Amotse, kaga Yuda le Yerusalema, mo malatsiñ a ga Usie, le Yothame, le Ahase, le Hisikie, likhosi tsa Yuda.


Lona magorimo, utluañ, mi uena lehatse, sekega tsebe: gone Yehova oa bua, Ki otlile ki gorisitse bana, mi ba ’ntlorile.


MI ga rihala mo malatsiñ a ga Ahase, moroa Yothame, moroa Usie, khosi ea Yuda, Retsine khosi ea Siria, le Peke moroa Remalie, khosi ea Bayeserela, ba tlatlogela Yerusalema go tlabana le ona, mi ba si ka ba nonoha go o henya.


Mi le gona Samaria o tla na tlogo ea Baeferaima, le moroa Remalie tlogo ea Samaria. Ha lo gana go rumela, rure ga lo kitla lo tlomamisioa.


Mike oa Morasheta a perofesa ka malatsi a Hisikie khosi ea Yuda, a bua le bathu botle ba Yuda, a re, Go bua yalo Yehova oa lintua: Tsiona o tla leñoa yaka leota, mi Yerusalema o tla na mekoa, le thaba ea ntlu e tla na litlora tsa likhua.


LEHUKU ya ga Yehova ye le ya rihahalela Hoshee, moroa Beere, ka malatsi a ga Usie, le Yotame, le Ahase, le Yehisikie, likhosi tsa Yuda; le ka malatsi a ga Yeroboame, moroa Yoashe, khosi ea Bayeserela.


¶ Leha lona Bayeserela lo gokahala, a Bayuda ba si latuharioe; mi lo si ee Gilegala, le esiñ go ea Beta‐avena, mi lo si ikane, lo re, Go tsela Yehova.


Ere ka Bayeserela ba lebetse Morihi oa bona, mi ba agetse litem-pela: mi Bayuda ba intsiharitse metse e e hemecoeñ: ki gona ki tla isañ molelo mo metseñ ea bona, mi o tla nyeletsa paliso tsa bona.


MAHUKU a ga Amose, eo o la a le mo barisiñ ba liñku ba Tekoa, a o la a a bona kaga Bayeserela, ka malatsi a ga Usie khosi ea Yuda, le ka malatsi a ga Yeroboame khosi ea Bayeserela moroa Yoashe, linyaga li tu pele thoromo ea lehatse e si e ne.


GO latlega ba ba iketlileñ mo Tsiona, ba ba thagameñ mo thabeñ ea Samaria, ba ba ntla ba merahe ba, ba ntlu ea Yeserela ba tlañ go bona!


Cotle tse, ki ka tlolo ea Bayakoba, le ka maleo a ba ntlu ea Yeserela. Tlolo ea Bayakoba ki ehe? a ga si Samaria? Mahelo a a gorimo a Bayuda ki ahe? a ga si Yerusalema?


¶ A ko lo utlue, lona tlogotlogo tsa ba ntlu ea Yakoba, le lona balaori ba ntlu ea Yeserela, ba lo khaphahatsañ tsiamisho, lo shokamisa thokhamo eotle,


PEROFESHO e Habakuke moperofeti o la a e bona.


Gone pulelo ea tihahalo e sa tle mo motleñ oa bogolugolu ka thato ea mothu; mi banona ba boitsepho ba Morimo ba le ba bua yaka ba tlotlelerioa ki Moea oa Boitsepho.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan