Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi tse riñue tsa oela mo mbuñ o o molemo, mi tsa gola, mi tsa uñua louñuo loa hundereda. Mi ka a sina bua lilo tseuo, a bitsa, Eo o nañ le litsebe go utlua, a a utlue.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa gola, tsa ungwa loungo lwa nna lekgolo.” Ya re a bua dilo tse, a goa a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:8
25 Iomraidhean Croise  

Mi Yitsake a yala mo hatsiñ yeuo, a bona ga hundereda mo ñuageñ ouo; mi Yehova a mo tsegahatsa.


Tsebe e e utluañ, le leitlo ye le bonañ, Yehova o li rihile co tu tsa cona.


BOTLALE a ga bo bitse? le tlaloganyo a ga e culetse koru ea eona?


¶ Utluañ, mi sekegañ tsebe; si ikhoriseñ: gone Yehova o buile.


Mi Yehova o lo rometse batlañka ba gague botle, eboñ baperofeti, a phakela a roma; mi ga loa ka loa retsa, le esiñ go sekega tsebe tsa lona go utlua;


Leha e le mañmañ eo o nañ le litsebe go utlua, a a utlue.


Mi tse ri yecoeñ mo mbuñ o o molemo, tse ri uñuañ, tse riñue loa hundereda, tse riñue loa sekeste, tse riñue loa terte, tse ki ena eo o utluañ lehuku a le tsatsia.


Mi tse ri yecoeñ mo mbuñ o o molemo, tse ri uñuañ louñuo; tse riñue loa terte, tse riñue loa sekeste, le tse riñue loa hundereda, ki ba ba utluañ lehuku, ba le cula.


Ha moñue a na le litsebe go utlua, a a utlue.


Mi tse riñue tsa oela mo mbuñ o o molemo, mi tsa uñua louñuo, tsa mela, tsa ata; mi tsa uñua, riñue loa terte, mi tse riñue loa sekeste, mi tse riñue loa hundereda.


Ha moñue o na le litsebe go utlua, a a utlue.


Ga lea cuanela tsimo, khotsa thutubulu; mi bathu ba le latlela kua ntle. Ena eo o nañ le litsebe go utlua, a a utlue.


Mi tse ri mo mbuñ o o molemo, ki bona ba ba utluileñ lehuku, ba le buluka mo peruñ e e siameñ, e e molemo, mi ba uñua louñuo ka bocoelelo pele.


Mi tse riñue tsa oela mo mitlueñ, mi mitlua ea tloga naco, mi ea li hupetsa.


Gone re tiho tsa ona, re bopecoe tiho tse ri molemo mo go Keresete Yesu, tse Morimo o li re etleleritseñ pele, gore re tsamaee mo go cona.


Gore lo tsamaee go cuanela Morena, go khatla mo liloñ cotle, le go uñuisioa mo tihoñ cotle tse ri molemo, le go totela mo kicoñ ea Morimo;


Ha moñue a na le litsebe, a a utlue.


Eo o nañ le litsebe, a a utlue tse Moea o li raeañ liekelesia. Eo o henyañ ga a kitla a tlukuharioa ka loshu loa bo tu.


Eo o nañ le litsebe, a a utlue se Moea o se raeañ liekelesia. Eo o henyañ ki tla mo naea go ya loa tlare sa botselo se se ha gare ga Paradaiso ea Morimo.


Eo o nañ li litsebe, a a utlue tse Moea o li raeañ liekelesia.


Eo o nañ le litsebe a a utlue tse Moea o li raeañ liekelesia.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan