Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:1 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga rihala morago ga mouo, a tsamaea a khabaganya metse, le metsana eotle, a rera a bulela evañgelio ea pusho ea Morimo; mi ba tuelev bo ba na nae;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

1 Morago ga moo a ralala metse le metsana ka go latelana, a rera, a bolela Efangele ya puso ya Modimo, a na le ba ba 12,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ga akofa ga dirala morago ga moo, gore a tsamaye a ye le metse le metsana yotlhe, a rera a bolela Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo; le ba ba 12 ba bo ba na nae,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:1
18 Iomraidhean Croise  

MI ga rihala ka Yesu a uetsa go laolela barutoa ba gague ba tuelev, a coa gona go ruta le go rera mo metseñ ea bona.


Ha moñue a utlua huku ya pusho, mi a sa le tsetsia, eriha gona eo boshula o tlañ, a phamola tse li li yariloe mo peruñ ea gague. Tse ki cona tse ri yariloeñ ha tseleñ.


¶ Mi Yesu a ralala Galilea yeotle, a ruta mo masenagogeñ a bona, a rera evañgelio ea bogosi, mi a horisa lipobolo cotle, le makooa, mo bathuñ.


Mi Yesu a tlatlologanya metse le metsana, a ruta mo masenagogeñ, a bulela Evañgelio ea pusho, a horisa pobolo cotle, le maloetse aotle, mo bathuñ.


Mi a rera mo masenagogeñ a bona, mo Galilea yeotle, mi a khoromeletsa ntle bademona.


Mi ñuana a gola, a na thata mo moeñ, mi o la a le gareganaga go tsatsiñ ya icupeco ea gague go Yeserela.


MI ga rihala, ka tsatsi leñue ya malatsi auo, ka a ruta bathu mo tempeleñ, a rera evangelio, baperiseti ba bagolu, le bakuari, le bagolu ba tla go ena;


Moea oa ga Yehova o go ’na, gone o ’ntloleritse go rerela bahumanegi evañgelio; o ’nthomile go horisa ba ba pelu li thubegileñ,


Mi ka ba coa, ba ralala metse eotle, ba rera evangelio, mi ba horisa mo ntleñ cotle.


Kaga Yesu oa Nasareta, eo Morimo o loa mo tlotsa ka Moea oa Boitsepho, le ka thata, eo o raletseñ, a riha molemo, mi a horisa botle ba ba le ba gatisicoe ki diabolo; gone Morimo o lo oa na nae.


Mi rea lo bulelela pulelelo‐pele ea boitumelo, e le e rihecoe bo‐rra,


Mi ba tla rera yañ, ha ba sa roñoe; yaka go kuariloe, Linao li lintle yañ tsa bona ba ba rerañ kagisho, ba ba lereñ mahuku a boitumelo a lilo tsa molemo!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan