Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:6 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi Yesu a ea nabo. Mi erile yana a si khakala le ntlu, mosenturi a roma litsala go ena, tsa mo raea, Morena, u si itapise; gone ki sa cuanela gore u tle kua tlatse ga tlomesho tsa me:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6-7 Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

6 Foo Jesu a ya nabo. Jaanong ya re a sa tlhole a le kgakala le ntlo, molaodi-wa-lekgolo a roma ditsala kwa go ene, a mo raya a re: “Morena, se itshwenye; gonne ga ke a lekana gore o tsene ka fa tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Foo Jesu a ya nabo. Ya re jaana a setse a se kgakala le ntlo, molaodi wa mophato a roma ditsala kwa go ene, tsa ya go mo raya tsa re: “Morena, o se ka wa itapisa, ka gobo ga ke a tshwanela fa o ka tsena kwano tlase ga ditlhomeso tsa me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:6
15 Iomraidhean Croise  

Ga kia cuaneloa ki sepe sa bopelunomi yotle, le sa boikanyo yotle yo u bo rihetseñ motlañka oa gago; gone ki le ka khabaganya Yoredane eo ka tsama ea me; mi yana ki rihegile mashomo a le tu.


Pelahalo ea mothu e tla mo kho-balatsa: mi eo oa khobalalo ea moea o tla tsegetsa tlotlo.


Yaka Moroa mothu a sa tle go riheloa, e le go rihela, le go nela botselo yoa gague go na thekololo ea bontsi.


Amarure, kia lo bapetiseletsa tlabologoñ ka metse; mi eo o tlañ morago ga me, o mogolu go ’na, eo ga kia cuanela go belega litlaku tsa gague; ena eo, o tla lo bapetisa ka Moea oa Boitsepho le molelo.


Mi a ea nae, mi bontsi yo bogolu yoa mo sala morago, mi yoa mo pitlaganya.


Mi ka Simone Petero a bona yalo, a oela ha mañoleñ a ga Yesu, a re, ’Ntlogela, Morena, gone ki monona oa boleo.


Mi ka ba sina go tla go Yesu, ba mo rapela thata, ba re, O cuanetse go riheloa yalo ki uena;


Gone o rata morahe oa rona, mi o re agetse senagoge.


Ki gona le ’na ki ikaeañ ki sa cuanela go tla kua go uena; mi bua lehuku leñue, mi motlañka oa me o tla hola;


¶ Ka a sa bua, ga tla moñue, a coa mo tluñ ea molaori oa senagoge, a mo raea, Moroariu o shule; si lapise Moruti.


Kaga Yesu oa Nasareta, eo Morimo o loa mo tlotsa ka Moea oa Boitsepho, le ka thata, eo o raletseñ, a riha molemo, mi a horisa botle ba ba le ba gatisicoe ki diabolo; gone Morimo o lo oa na nae.


Inolohatseñ ha pele ga Morena, mi o tla lo gorisa.


Mi oa naea tsegohaco bogolu. Ki gona o reñ, Morimo oa ganela le babopeluumpe, mi oa naea ba ba nolo tsegohaco.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan