Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 7:44 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 Mi a retologela mosari mi a raea Simone, A ua bona mosari eo? Ki tlile mo tluñ ea gago, ga ua ka ua naea nao tsa me metse; mi eo, o ’nkoloberitse linao ka likeleri, a li phimola ka moriri oa tlogo ea gague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Setswana 1970

44 Jaanong a retologela kwa mosading, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsenye mo ntlong ya gago, mme ga o a ka wa mpha metsi a go tlhapa dinao; mme ene o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a ba a di phimola ka moriri wa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 A retologela mosadi, a raya Simone a re: “A o bona mosadi yo? Ke tsile mo ntlong ya gago, ga o a ka wa nnaya metsi a dinao; mme yo o nkolobeditse dinao ka dikeledi, a di phimola ka moriri wa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 7:44
11 Iomraidhean Croise  

Kia lo rapela, a metsana a lerioe, mi tlacua nao tsa lona, mi lo itapolose tlatse ga setlare:


Mi a re, bonañ yana, barena ba me, a ko lo menogele mo tluñ ea motlañka oa lona, mi lo lale, mi lo tlacue nao tsa lona, mi lo ka phakela, lo ea tseleñ ea lona. Mi ba re, Nya; mi, re tla lala mo mebileñ.


Mi monona a isa banona ba mo tluñ ea ga Yosefe, mi a ba naea metse mi ba tlacua nao tsa bona; mi a naea esela tsa bona liyo.


Mi Davide a raea Urie, Ea kua tluñ ea gago, mi u tlapise nao tsa gago. Mi Urie a coa mo tluñ ea khosi, mi moyo o o coañ kua khosiñ oa coa morago ga gague.


Mi a ema kua morago ha naoñ tsa gague, a lela, mi a simolola go kolobetsa nao tsa gague ka likeleri, mi a li phimola ka moriri oa tlogo ea gague; mi a mo atla linao, mi a li tlotsa ka setlolo.


Mi Simone a araba a re, ’Nka re, Eo o icuarecoeñ bogolu ki ena. Mi a mo raea, U sekisitse ka tsiamo.


Morago ga mouo a tsela metse mo mogocaneñ, mi a simolola go tlapisa linao tsa barutoa, le go li phimola ka sephimolo se o la a ikokoaetse ka shona.


A na le cupo ea tiho tse ri molemo; ha a gorisitse bana, ha a thusitse baeñ, ha a tlapisitse nao tsa baitsephi, ha a thusitse ba ba bogisicoeñ, ha a latetse tiho tse ri molemo cotle ka tloahalo.


Mi lona lo nyaritse bahumanegi. Bahumi a ga ba lo gatisa, ba lo gogela ha pele ga lirulo tsa tsekisho?


Mi a mo isa kua tluñ ea gague, mi a naea esela ea gague liyo; mi ba tlapisa nao tsa bona, ba ya ba noa.


Mi a nanoga, a ikobela ha hatsi ka sehatlogo, mi a re, Bona, a lelata ya gago le ne mohula go tlapisa linao tsa batlañka ba morena oa me.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan